Breaking News

Elang tlhoko tshenyetso setshaba

27 Jun 2021

Kgosi Seeletso Pule wa Gabane o tlhagisitse puso go ela tlhoko tshenyetso setshaba fa molao kakanyetso wa gore dikhansele di itsamaise o ka tsenngwa mo tirisong.

Kgosi Pule o buile jaana ka Labone mo Molepolole, mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mothusa tona mo lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse fa a ne a rerisa marara ka molao-kakanyetso oo.

E re ntswa magosi le mapalamente ba iteela mogopolo o legofi, Kgosi Pule o gakolotse gore fa go sa elwe tlhoko, tshenyetso setshaba e ka diragala kwa ntle fela fa go na le sengwe se se ka dirwang go e thibela.

Ntle le seo, Kgosi Pule a re magosi ga ba itse morero wa dikhansele-potlana tse magae a bone a leng ka fatlase ga tsone. 

A re ba ne ba solofela gore ba lalediwe diphuthego dingwe tsa dikhansele ka dikgang dingwe tse di buiwang koo di ama metse ya bone.

Kgosi o bile a fa sekai sa diteseletso tsa dibara tse a reng ditshwetso tsa tsone di dirwa fela koo, bone e le magosi ba se bontlha bongwe jwa tsone.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Rudolph Mojalemotho wa Boatlaname, o iteetse kobo moroko mafoko a ga mothusa tona, a supa fa therisanyo e le lengwe la matshego a a dirileng gore lefatshe la Botswana le tle go tsena fa le leng teng gompieno, e bile le bopagane.

O kaile gape gore therisanyo ke yone e e agang setshaba, e be e dire gore matshelo a batho a tswelele pele. 

A re mogopolo o, o ka bo o sa bolo go diragala dingwaga tse di ntsintsi tse di fetileng.

Le fa go ntse jalo, a re o dumela gore megopolo ya go tshwana le eo, e tlhagolela tsela tshekatsheko ya molao-motheo wa lefatshe la Botswana, o le one o tlhokang go ntshafadiwa.

Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Kabo Morwaeng le ene o iteetse mafoko a ga mothusa tona diatla, a gatelela fa mafoko a a lerilweng ke Rre Autlwetse a le mantle. 

A re ke mogopolo o a tsayang gore Batswana ba ntse ba o emetse.

A re kgang kgolo ya molao kakanyetso o, ke go direla batho le gone go isa ditlamelo kwa bathong ka bofefo.

O supile gape gore se se dirwang ke mothusa tona ke therisanyo, puisano le morero one o puso ya batho ka batho e ikaegileng ka one.

Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Oabile Regoeng a re kgang e e sale e emetswe gore tona a e emele ka dinao, a e gase mo setshabeng, sebe sa phiri ya nna segajaja sa bolwetse jwa COVID-19, ka bo bakile gore go nne le tiego mo goreng mogopolo o rerisanngwe le Batswana.

A re mogopolo o ya go dira gore fa kgaolo le morafe wa yone ba batla ditlhabololo, merero e ka dirwa ka bogautshwane, e be e tseelwa ditshwetso mo nakong e e sa fediseng pelo.

O tladitse ka go re fa mogopolo o o ka bewa monwana, o tlaa fetsa selelo se batho ba ntseng ba se lela, sa gore ditirelo di bonya go tswa kwa pusong.

Mothusa tona o raletse lefatshe go rerisa magosi ka molao-kakanyetso o o tlang ka lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, morago ga gore go nne le matshwenyego a gore ditshwetso tse di tsewang mo dikhansele-potlana fa di tsena kwa dikhanseleng tse ditona dilo dingwe ga di tsamae sentle.

Seo se bakile gore go ntshiwe mogopolo wa gore jaanong dikhansele di gololesege di itsamaise, di itirele dithulaganyo tsa madi le gone go bona gore ba ka itsenyetsa letseno jang, ba na le marara le boeteledipele jo bongwe jwa metse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego

Date : 27 Jun 2021