Breaking News

Kgosi Manthe o bolokilwe

26 Jun 2021

Kgosi wa pele wa Mmopane kwa kgaolong ya Kweneng, Kgosi Moarabi Manthe, o kailwe e le motho yo o neng a le matlhagatlhaga e bile a le senatla.

Go senogile se kwa phitlhong ya gagwe kwa Mmopane gompieno. Kgosi Manthe o tlhokafetse kgwedi eno e le malatsi a le lesome le bosupa morago ga go lwala ka bokhutshwane.

Mo molaetseng wa gagwe wa kgomotso, Kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III o ne a supa fa leso la ga Kgosi Manthe le mo utlwisitse botlhoko thata.  A re phularo ya gagwe ke tatlhegelo e kgolo mo setshabeng ka kakaretso.

Kgosi Michael Molefe wa Kopong o kaile fa Kgosi Manthe a dirile tiro ya bogosi ka manontlhotlho.  A re o berekile le rraagwe kwa Kopong ka lebaka, mme e ne e le mogakolodi wa popota. 

A re Kgosi Manthe ke ene a mo eteletseng pele a bo a mo suga mo tirong ya bogosi.

Fela jaaka dibui tse dingwe, Kgosi Raphael Mmipi wa Metsimotlhabe a re Kgosi Manthe e ne e le motho yo o buelang kwa godimo, a le matlhagatlhaga e bile a le senatla. 

A re e ne e re fa a ikaeletse go dira selo  a netefatse gore o a se dira.  O tlhalositse fa e ne e le motho yo o batlang go gatela pele mo botshelong, a tlatsa fa a ithutile bonatla mo go ene ka e bile e ne e se motho yo o sa rateng gore fa a dira selo se fokole.

Ngwana wa gagwe e bong Dr Christopher Manthe o supile fa  rraagwe a ba rutile thata ka ditso tsa  Mmopane tse di ikaegileng thata ka rraagwe mogolo e bong Kgosi Tau Manthe yo a diretseng morafe wa Mmopane go le go ntsi.

A re  Mmopane o simologile e le masimo, ka jalo a re Kgosi Tau Manthe e ne e le mongwe wa bathei ba motse wa Mmopane.  A re  o ne a bereka thata le moswi e le ene letsogo la gagwe. 

Kgosi Manthe o simolotse tiro ya go direla morafe e le kgosana ka ngwaga wa 1982 a bo a tlhatlosiwa maemo go nna moemela  kgosi, maemo a a tlogetseng tiro a ntse a a tshwere ka Tlhakole ka 2016.

Kgosi Manthe o tshotswe ka ngwaga wa 1937 kwa Mmopane. O tlogela  mosadi le bana ba le barataro.  ends
 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MMOPANE

Event : phitlho

Date : 26 Jun 2021