Breaking News

Baikopanyi ba rolelwa sediba

26 Jun 2021

Baikopanyi ba sediba sa Phuduhutswana kwa Diphuduhudu kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba thusitswe go gokela sediba ka lenaneo la LIMID ka madi a a fetang P390 000.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Diphuduhudu, Rre Itemogeng Kankuru, a re  ba itumelela maiteko a ba a bonang a dirwa ke maphata a puso kwa motseng wa bone.

Mogolwane wa boipelego kwa khanseleng potlana ya Letlhakeng, Rre Elliot Sebikiri, ene  o ne a supa fa Diphuduhudu e le mongwe wa metse ee kgakala le ditlamelo mme a thusiwa ka lenaneo la RADP.

O supile fa ba simolotse tiro ya go gokela sediba go sena madi, mme ba ne ba thusanya le  lephata a temo thuo go thusa baikopanyi ba ba e leng banana botlhe.

Rre Sebikiri o kaile fa tiro eo e ne e se motlhofo ka jaana go ne go sena madi, mme ba leka ka tsotlhe go fitlha ba bona madi kwa LIMID.

O tlhalositse fa ba ne ba simolola ka raseboa, ba bo ba ba thusa ka go ba tshelela metsi mo teng ka jaana leroba le ba neng ba le filwe ke ba water affairs le ne le sena sepe. O tlhalositse fa ba ne ba etla ba ema go le thata mme banana bao ba ne ba supa fa ba na le maikaelelo ka go dira ka diatla.

Mogolwane o tlhalositse fa water affairs e ne ya neela banana leroba le le gaufi le motse, ka jalo go raya gore ba bo ba gogela metsi kwa raseboeng ee leng sekgala sa dikilomitara di ferabobedi go tswa fa go sone.

 Baikopanyi bao bone ba ne ba thusa ka go epa mosele o o gogelang metsi kwa raseboeng mme ba kgona go gokela metsi.

Rre Sebikiri o ne a leboga maphata a a neng a tshwaraganetse tiro eo, a supa fa go tshwaragana go tlhofofatsa tiro.

Mogokaganyi wa lenaneo la LIMID, Mme Malebogo Malele, o ne a supa fa lenaneo leo le thusa barui ka ditsela tse di farologanyeng, mme nngwe ya tsone e le go gokelela barui baba ikopanatseng didiba, ba ba nang le le kgomo e le nngwe go ya kwa go tse di masome mane.

O ne a supa fa barui ba thusiwa ka  P100 000 go gokela sediba, mme ba Phuduhutswana ba thusitswe ka madi a a fetang ao ka mabaka a a farologanyeng.

O tlhalositse fa ba ne ba tsenyeditse barui bao terata ya motlakase mme ya senya ka go bolaya dipodi mme ba felela ba tsenya e nngwe go sireletsa diruiwa go bolawa ke motlakase.

Modulasetilo wa baikopanyi bao, Rre Tebogo Semumu, a re maloko a ferabongwe ka palo, mme ba simolotse go ikopanya ka ngwaga wa 2017.

O tlhalositse fa ba ne ba tlhopha komiti le go dira molao motheo o o tla a tsamaisang sediba seo. O supile fa ba ne ba batla go supa fa khansele e sale e ba pepetletsa e ba tsenya dikole mme ba batla go e imolola morwalo.

Rre Semumu o supile fa ba ikaelela go rua mo go tlhwaaafetseng le gone go nna sekao mo bananeng ba bangwe ka go itirela.

Sebui sa tlotla go tswa kwa CEDA, Mme Ntebogang Galeboe, o ne a supa fa ba le motlotlo go abela barui ba Phuduhudu sediba. O supile fa metsi a le botlhokwa mo mmeleng wa seruiwa ka jaana a se thusa go sila dijo.

O supile fa metsi a rotloetsa tsalo e ntle le go nna le dikotla, mme o kopilwe barui bao go dirisa metsi ao sentle.

Mme Galeboe o supile fa a lemoga maiteko a puso a go rotloetsa thuo e e tlhabolotsweng, a bo a galaletsa kgaolo potlana ya Letlhakeng go neela barui ba sediba ba tshwaraganye. Bokhutlo.

 

 


 

 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo mpho

Date : 26 Jun 2021