Thuto ya tiro ya diatla konokono
24 Jun 2021
Go botlhokwa gore thuto e fetoge go tsweng mo go remeleleng mo ditlhakeng go itebaganya le ya ditiro tsa diatla.
Se se builwe ke Mothusa Tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Mme Nnaniki Makwinja, bosheng fa a etetse sekole se se potlana sa Mokgenene kwa kgaolong ya Legare go kgothatsa baithuti ba lekwalo la bosupa go dira sentle mo ditlhatlhobong.
A re thuto e e remeletseng thata mo ditirong tsa diatla ke yone konokono mo go fokotseng letlhoko la ditiro.
Go leka go rarabolola seemo se, a re lephata la gagwe, ka lenaneo la Education and Training Strategic Sector Plan, le setse le simolotse go rutuntsha baithuti kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Moeng le Maun ka dithuto tsa temo-thuo le bojanala.
Mme Makwinja re kwa sekoleng sa Moeng, go rutuntshiwa baithuti ba ba nang le kgatlhego mo go tsa temo-thuo, fa kwa Maun go rutuntshiwa ba ba nang le kgatlhego mo go tsa bojanala.
Maikaelelo a phetogo e ke go thusa gore maduo a thuto a tswele lefatshe mosola gore dialogane di kgone go itlhamela dikgwebo go fokotsa letlhoko la ditiro.
“Thotloetso e tona mo go lona, ke gore sengwe le sengwe se o nang le kgatlhego, lerato kgotsa talente ya sone re lo rotloetse go tlhwaafalela go itlhokotsa mo go sone gore o nne mmantswitswidi gore mo isagong o kgone go itshidisa ka yone kitso eo,” ga tlhalosa Mme Makwinja.
A re maikaelelo a gagwe ke go etela dikole tsotlhe tse di kgakala le ditlamelo go rotloetsa barutabana le baithuti.
Mo go tse dingwe, Mme Makwinja o kgadile boitsholo jo bo sa kgatlhiseng jwa baithuti bangwe, a bo a rotloetsa baithuti go ikgapha mo dilong tsotlhe tse di ka kgoreletsang thuto ya bone.
Mo godimo ga moo, Mothusa Tona o rotloeditse barutabana go nna pelotelele a gatelela gore puso e dira ka natla go netefatsa gore ba kentelwa bolwetse jwa COVID-19 ka bofefo jo bo kgonagalang.
Go supa fa go kgathalwa ka tshireletsego ya bodiredi botlhe le baithuti, Mme Makwinja a re puso e setse e dirile go le gontsi go babalela matshelo ka go fokotsa dipalo tsa batho mo ditirong le mo dikoleng go fokotsa kanamo ya mogare wa corona.
O tlhalositse fa mogare wa COVID-19 o tlhasetse, mme e bile mo barutabaneng o tsere phekelo e sele, ka jalo a kopa gore go rapelelwe seemo se.
O tlhalositse fa se se botlhokwa ka bolwetse jo e le go iphapha ka go obamela melawana yotlhe gore go bolokwe matshelo.
Mogokgo wa Mokgenene, Mme Chandada Ipeleng ene o tlhalositse fa a itumedisiwa ke go bona ka fa maduo a sekole sa gagwe a tsweletseng ka go tokafala ka teng.
Mme Ipeleng a re ka 2015, fa a goroga mo sekoleng se, maduo a sekole e ne le le 15 per cent, 2016 ya nna 56.5 per cent, 2017 ya nna 46.7 per cent, 2018 ya nna 50 per cent, 2019 ya nna 51.5 per cent, mme ka 2020 ya nna 52.8 per cent.
Mo godimo ga moo, Mme Ipeleng o lebogetse kgokelo ya motlakase wa marang a letsatsi mo sekoleng sa gagwe, a re o tlaa thusa go rotloetsa bana go ithuta thata le go tokafatsa maduo.
Le fa gontse jalo, a re ba lebanwe ke tlhaelo ya matlo a barutabana.
Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, o lebogetse mothusa tona leeto la gagwe a supa fa nako le nako fa Mme Makwinja a lekotse dikole tsa kgaolo ya gagwe go nna le maduo a bonalang mo go arabiweng ga dikopo tsotlhe.
Rre Lesaso o lebogetse gape le motlakase wa marang a letsatsi kwa sekoleng sa Mokgenene a re go thusa go fetola seemo sa thuto ya tsa maranyane mo sekoleng se.
Le fa gontse jalo, o supile matshwenyego ka kwelotlase ya thuto ya baithuti fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane a rotloetsa gore go dirwe ka natla go leka go fetola seemo se.
Mopalamente o kopile gape gore lephata le fefose tshidilo maikutlo ya barutabana gore ba kgone go dira tiro ya bone ka bokgabane mo gare ga letshogo le ba nang le lone ka kgwetlho e leng teng ya go tlhokafala ga bangwe ka bone ka ntata ya COVID-19.
Morago ga leeto la gagwe kwa Mokgenene, Mme Makwinja o ne gape a ya go lekola seemo sa dikole tse dikgolwane tsa Shoshong le Mookane kwa a fitlhetseng sekole sa Shoshong se emisitse dithuto ka nakwana morago ga koketsego ya dipalo tsa baithuti ba ba tsenweng ke mogare wa corona, fa sa Mookane sone se lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya boroko ba baithuti ba ba nnang mo sekoleng.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MOKGENENE
Event : loeto
Date : 24 Jun 2021