Breaking News

Dikgosi kwa Kgatleng di atla therisanyo

24 Jun 2021

Dikgosi kwa Kgatleng di itumeletse therisanyo ka mogopolo wa go neela dikhansele dithata tsa go itsamaisa.

Mo phuthegong  ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, magosi a boletse fa ba itumelela go rerisiwa, mme ba ntsha matshwenyego a bone mabapi le mogopolo oo.

Ba re ba eletsa gore puso e lemoge maikarabelo a bogosi le gore bogosi jaaka lengwe la matshego a a tswang kgakala a kopanela morero le puso, bo tshwanetse jwa nna le seabe se se bonalang mo dikgannyeng dingwe.

Ba kopile gore e re dikgaolo le dikhansele di fiwa dithata tsa go itsamaisa, bogosi bo seka jwa gatakiwa. 

Ba re gangwe le gape baeteledipele ba dikgaolo ba eteletsa dikeletso tsa bone pele, le go ipona e le bone fela ba tshwanetseng go laola dikgaolo, kwa ntle le go lemoga seabe sa bogosi  jaaka go tshwanetse.

Ba bile ba kopa gore molao o o tsamaisang bogosi wa 2008 (Bogosi Act of 2008) o sekasekiwe o be o tlhabololwe ka jaana o tlodilwe ke dipeba.

Mo godimo ga moo, ba boletse fa seabe sa bogosi se tshwanetse go bonala gore bo nne le seabe mo kakanyetsong ya gore dikgaolo di ikemele.

Le fa gontse jalo, ba iteetse legofi mogopolo oo, ba bolela fa o tlaa godisa ditlhabololo kwa dikgaolong le gore dikgaolo di tlaa itseela ditshwetso mo go oketseng madi le go tokafatsa ditirelo.

Rre Autlwetse o boletse fa maikaelelo magolo e le go tokafatsa ditirelo le go isa ditlamelo ka bofefo kwa bathong.

A re batho ba seka ba tsaya gore mogopolo o o rotloetsa semorafe le gore dikgaolo jaanong di tlaa bo di itaola ka jaana melawana e e tsamaisang lefatshe e tlaa bo e ntse e le mo tirisong

A re go letlelela dikgaolo go ikemela ka nosi go tlaa neela baeteledipele seelo sa gore baka phatlhalatsa ditirelo jang, ba lebile kwa letlhoko le leng lentsi teng, le gore ba tla laola tiriso ya madi sentle ba sa a laolelwe go tswa kwa diofising dikgolo tse di tsamaisang maphata a selegae kwa Gaborone.

Rre Autlwetse a re mogopolo o gape o siametse go godisa ditlamelo ka jaana dikhansele di tlaa itogela maano a go oketsa letseno la madi, selo se a reng se tla tokafatsa ditirelo kwa metseng selegae.

A re se se tla dira gore dikhansele di ikamanye le dikompone tse di ikemetseng ka nosi go dira mananeo mangwe botoka, a a tlhokang boitseanape jo bo rileng (Public Private Partnerships).

O boletse gore fa kaedi kakanyetso ya go ikemela ga dikhansele e nna mo tirisong, se se tla a fokotsa dingongorego tse di bakiwang ke madiadia a a bakwang ke gore batsamaisi ba dikgaolo ba bo ba emetse go laolelwa tiriso ya madi go tswa kwa diosifing dikgolo kwa Gaborone.

A re kaedi kakanyetso e, e tla a tswelela e rerisiwa batsamaisa ditirelo tsa dikgaolo, dikhansele tsotlhe, Ntlo Ya Dikgosi, mme kwa bofelong e tla a rolelwa palamente le khuduthamaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : MOCHUDI

Event : phuthego ya kgotla

Date : 24 Jun 2021