WUC e solofetsa go ntsha seretse
24 Jun 2021
Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule, o akgoletse bogogi jwa khamphane ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) go tsaya tshwetso ya go gopa seretse kwa matangwaneng a Boseja Bokone.
Fa a bua kwa bokopanong le bogogi jwa kgotla ya Boseja Bokone ka Labobedi, Rre Pule o boletse fa a itumelela tshwetso e.
Se se tla morago ga gore banni ba supe dingongora ka monko o o tswang kwa matangwaneng e bile gape keletso ya bone ele gore matangwano ao, a ka fudusetswa kgakala le motse.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa WUC, Mme Boitumelo Kgaodi, o tlhalositse fa e tlaare kgwedi ya Phatwe e ya fifing thulaganyo ya go gopa seretse mo matangwaneng e bo e wetse.
A re mo nakong ya gompieno, khamphane e tsweletse ka go tsaya ditlhwatlhwa mo dikhamphaneng mme a tlatsa ka gore kgopo-seretse ke thulaganyo e e tlhokang go dirwa ke ba ba nang boitseanape.
O tsweletse ka gore keletso le maikaelelo a WUC ke gore fa thulaganyo e wela, go nne le bokopano le banni go sekaseka gore a go na le diphetogo.
A re go kgopa seretse ke thulaganyo e e turang, a tlhalosa fa e lopa P250 000 go ya kwa go P300 000, ka jalo go kgopa kgapetsa-kgapetsa go sa kgonagale.
Mme Kgaodi a re keletso ya bone ke go fudusa matangwana gore a seka a nna gaufi le motse mme ka ntlha ya letlhoko la madi, ga ka se kgonagale mo nakong ya gompieno.
A re keletso ke gore go agiwe mafaratlhatlha a tlhatswang metsi a leswe.
Mme Kgaodi a re maikaelelo ke go bula diofisi tsa WUC kwa Mmathubudukwane le Oodi e le maiteko a go atumetsa ditlamelo le ditlhabololo kwa bathong.
Rre Moses Dikgang, yo o okametseng WUC kwa kgaolong ya Kgatleng, o tlhalositse fa bontsi jwa madi a dituelo e le tsa metsi a a sa dirisetswang tse di mosola, a tlatsa ka go rotloetsa banni go ela tlhoko di mmithara ba bo ba ba itsese ka dipompo tse di dutlang.
O rotloeditse banni go gorosa dikopo le dingongora kwa diofising, are ba di dirisa go dira ditsheka-tsheko.
Rre Dikgang are koporase e dirisa madi a mantsi go tlhabolola ditirelo ka jalo go le botlhokwa thata mo go bone gore badirisi ba metsi ba dire tuelo ka nako.
O kopile banni go fokotsa go tshela metswako mo matlwaneng a boithomelo ka e le botlhabetsi mo botshelong jwa ditshidi tse di thusang go ja leswe le le tlang le metsi kwa matangwaneng. BOPA
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : bokopano
Date : 24 Jun 2021