SADC e tlaa romela sesole
24 Jun 2021
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re lekgotla la SADC le dumalane go romela mephato ya itshireletso kwa Mozambique go thusa go ritibatsa seemo kwa kgaolong ya Cabo Delgado.
O boleletse babega dikgang mo Gaborone ka Laboraro gore seemo kwa Mozambique ga se jese diwelang ntateng ya segongwana sa ditlhakana tlhogo tse di bolotsang ditlhaselo mo setshabeng.
Dr Masisi, yo gape eleng modulasetilo wa lekalana la SADC le le lebaganeng le tsa sepolotiki le thokgamo, a re SADC e bone go tshwanela go tsibogela kopo ya Mozambique ya gore lekgotla le thuse ka tsa itshireletso go hema seemo se.
O tlhalositse fa tshwetso e dumalanwe ka bongwefela jwa pelo morago ga dipuisano tse di tseneletseng magareng ga boeteledipele jwa Mozambique le lekgotla la SADC.
E re le ntswa lekgotla la SADC le dumela fa ntwa kgolo e le ya molomo, Tautona Masisi a re go lebega fa seemo sa Mozambique se ka seke sa rarabologa ka puo ya molomo ka jaana se lebagane le bo leso le dirwang.
A re ditsuolodi tsa kwa Mozambique ga di itsege ka jalo go thata gore SADC e ka leka go rarabolola mathata a Mozambique ka puo ya molomo.
A re Mozambique o gololesigile go kopa thuso kwa mafetsheng a mangwe kwa ntle ga SADC, mme fela thuso eo ga e a tshwanela go kgopakgopetsane le ditiro le melawana ya lekgotla la SADC ya go thusa ka tsa itshireletso.
Tautona Masisi a re bokwaledi bogolo ja SADC bo filwe boikarabelo jwa go kgaoganya seelo sa madi se maloko a lekgotla a tshwanelang go a ntsha.
A re tshwetso ya go isa mephato ya itshireletso kwa Mozambique ke tirafatso ya maikaelelo le maitlamo a SADC a go netefatsa fa gona le kagiso le thitibalo mo kgaolong ya Borwa jwa Afrika.
O tsweletse ka go tlhalosa fa Botswana a tlaa romela baitseanape ba tsa itshereletso le dithuso tsotlhe tse di tlhokafalang go ritibatsa seemo kwa Mozambique.
A re Botswana o ikgantsha ka mephato ya itshireletso ya maemo a ntlha, jalo o tshepha fa e tlaa dira tiro e ntle kwa Mozambique.
Tautona Masisi o ne gape a kopa setshaba go tswelela ka go ikgapha mo segajajeng sa COVID-19, ka go supafala fa se tsaya phekelo e sele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thato Mosinyi
Location : GABORONE
Event : press brief
Date : 24 Jun 2021