Breaking News

Ipuleleng dikgwebo - Nkawana

24 Jun 2021

 Banana ba kgaolwana ya Itekeng Phase 1 le Phase 2 kwa Selebi Phikwe ba rotloeditswe go ipulela dikgwebo go fokotsa manokonoko a go tswalwa ga moepo wa BCL.

Se se builwe ke Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Kgoberego Nkawana, mo thuto puisanong e e neng e tsenwe ke ofisi ya banana le makalana a mangwe a a ikemetseng ka nosi gammogo le Local Enterprises Authority (LEA) le Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA).

Rre Nkawana o tlhalositse fa dikgwebo tse di potlana di ka thusa go tlhama mebereko, go ntsha banni ba Selebi Phikwe mo manokonokong a go tswalwa ga moepo wa BCL le bolwetse jwa COVID-19.

O supile fa COVID-19 e le kwa godimo kwa Selebi Phikwe le dikgwebo le tsone di tsweletse ka go phutlhama, mme batho ba felela ba sena ditiro.

A re le fa seemo se le thata, ga go reye gore batho ba ka phutha matsogo, ka jalo ba tshwanetse go tswa ka maano a go itshetsa, ba dirisa mananeo a puso.

Rre Nkawana o rotloeditse banana go nna le lerato la kgwebo ka go se bonolo go ka tswelela mo kgwebong o sena kgatlhego ya yone.

Mookamedi wa CEDA kwa Selebi Phikwe, Rre Ditiro Mangadi, o supile fa lenaneo la Letlhabile le le itebagantseng le go tsosolosa dikgwebo tsa bagwebi ba ba botlana le dira sentle ka bontsi jwa bagwebi ba setse ba thusitswe.

Rre Mangadi o supile fa ba setse ba thusitse bagwebi ba le masome a ferabongwe, mme e bile dikgwebo tsa bone di setse di eme ka dinao mo go nametsang.

A re batho ba tikologo ya SPEDU bogolo jang ba temo, ba thusitswe e bile bangwe dikgwebo tsa bone di setse di itshetletse, a tlatsa ka gore se se monate ke gore mabentlele a matona a setse a simolotse go reka thobo ya bone.

O kgothaditse banana go ikopanya le makalana a a ka ba thusang ka madi gore ba kgone go ka ipulela dikgwebo.

Mogwebi, e bile e le mookamedi wa Dailyneeds kwa Selebi Phikwe, Rre Najumudeen Safullah o kgothaditse ba tsena thuto puisano eo go nna le lerato mo dithotong tse di dirwang mo Botswana, go godisa dikgwebo tseo.

O supile fa ba butse dikgoro go thusa mongwe le mogwe fela yoo nang le lorato ka tsa kgwebo, mme a kgothatsa ba ba thusitsweng ka madi go a dirisa ka fa go tshwanetseng. BOPA

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Thuto puisano

Date : 24 Jun 2021