Letsatsi la ipapatso le a busetsa
23 Jun 2021
Bagwebi ba kgaolo ya Palapye ba rotloeditswe go tsaya letsatsi la ipapatso ka tlhwaafalo ka le ka dira gore batho ba itse ka dikwebo tsa bone.
Fa a bua kwa letsatsing la ipapatso le le neng le rulagantswe ke khansele-potlana ya Palapye ka Labobedi, modiri go tswa kwa khanseleng eo, Mme Emmah Sebudubudu o tlhalositse fa letsatsi le, le ne le tshwanetse go tshwarwa kgwedi le kgwedi mme ka lebaka la COVID-19 le dirwa gangwe fela mo kgweding tse tharo.
Mme Sebudubudu o supile fa mo nakong ya gompieno ba tlhophile bagwebi ba sekae fela ka mabaka a go sala ditaelo tsa ba botsogo morago.
Mme Sebudubudu a re letsatsi le le thusa bagwebi go arogana maele ka tsa kgwebo le go thusana gore ba ka kgona go fenya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone jang. A re bagwebi ba le bantsi ba setse ba itsege mo dikgaolong ka ba nna ba tsaa karolo mo letsatsing le la ipapatso nako le nako.
Mongwe wa bagwebi, Mme Orelebile Nthompe wa Mokungwane, o tlhalositse fa e rile ka ngwaga wa 2013, a inaakanya le lenaneo la ba dikgwa, ke ka moo a neng a simolola kgwebo ya temo ya ditlhare.
Mme Nthompe o tlhalositse fa a rekisa ditlhare tse di akaretsang tsa maungo, meriti gammogo le tse di kgabisang, a tlatsa ka gore o kile a isiwa sekoleng kwa Mahalapye Rural Training Centre lebaka la beke go ithuta ka temo ya ditlhare.
A re kgwebo e tokafaditse botshelo jwa gagwe fela thata ka e rile a e simolola a direla mo lwapeng mme mo nakong ya gompieno a direla kwa madirelong a gagwe.
O tlhalositse fa kgwebo e batla lerato le pelotelele gore e atlege.
A re kgwetlho e tona ea kopanang le yone ke letlhoko la koloi go rwala ditlhare tsa gagwe fa a ya go rekisa, a tlhalosa fa se, se ne sa seka sa mo kgoba marapo.
O tlhalositse fa a dirisa metsi a pula a a beeletsang ka tanka ya jojo go itsa go babalelwa ke dituelo tse di kwa godimo tsa metsi ka ditlhare tsa gagwe di le dintsi e bile di dirisa metsi a mantsi.
Go rotloetsa bangwe ka ene, Mme Nthompe o tlhalositse fa e tlaare kgwedi eno ele 29 le 30 a bo a dirile dithuto puisano kwa madirelong a gagwe, maikaelelo e le go arogana maele ka temo ya ditlhare.
O ne a rotloetsa banana go se ipone tsapa, mme ba tsene mo diofising go tsaa mananeo a puso go itshetsa.
Mme Patricia Mmatli wa Palapye yo le ene a le mo kgwebong ya go lema ditlhare, a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka madi a gagwe, mme ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong, o ne a thusiwa ke lenaneo la Youth Development Fund (YDF) ka ngwaga wa 2015 go atolosa kgwebo ya gagwe.
Mme Mmatli a re kgwebo ya gagwe ke yone e mo dirileng se a leng sone, a tlhalosa fa a ne a palelwa ke ekwalo la boraro mme a seka a itlhoboga, a dirisa diatla tsa gagwe go bona gore o ikemela ka dinao mme a inaakanya le temo ya ditlhare tsa maungo le tse di kgabisang. A re le fa ne go se motlhofo, ke mongwe wa baithuti ba ba ba tseneng kwa BUAN ntswa go se motlhofo gore fa motho a feletse ka lekwalo la boraro a ipone a tsena teng.
Mme Mmatli a re kgwebo ya gagwe e godile fela thata, a tlhalosa gore fa a etle a thape banana ba le bararo go mo thusa.
A re seru sa COVID-19 se mo rutile go nna a le malala a laotswe mo kgwebong ya gagwe le go boloka madi gore a tle a a dirise fa go le thata gore kgwebo ya gagwe e nne e tsweletse sentle.
Mme Lesedi Taelo yo o itshetsang ka go rekisa diaparo, dinkgisa monate le phane kwa Palapye ene o tlhalositse fa kgwebo e na le dikgwetlho tse dintsi mme a rotloetsa bagwebi gore ba seka ba letlelela dikgwetlho tse go phupamisa dikgwebo tsa bone.
Mme Taelo, yo e neng ele lantla a tsena letsatsi le, o kaile fa le mo tswetse mosola fela thata ka a ithutile go le gontsi mo go lone e bile a tla nna a tswelela a tla mo go lone go godisa kgwebo ya gagwe.
O ne a gakolola banana go dira dikgwebo tse ba ka di kgonang gore ba seka ba wela mo isong ke tlala ka segajaja sa COVID-19 se fetotse itsholelo ya lefatshe e bile le letlhoko la ditiro le gaketse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : PALAPYE
Event : Letsatsi la ipapatso
Date : 23 Jun 2021