Breaking News

Ba ba filweng thuso ba kopiwa go itsolopanya

23 Jun 2021

Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Good Hope, Mme Peggy Kutlase, o kgothaditse batho ba ba thusitsweng go intsha mo lehumeng go netehatsa gore ba ntsha maduo aa nametsang.

Mo potsolosong bosheng, Mme Kutlase o tlhalositse fa kgaolo eo e dira sentle mme sebe sa phiri e le gore batho ba ba thusitsweng ba tsaa nako go atolosa madirelo a bone.

O kaile fa go atolosa madirelo go le botlhokwa ka jaana go ka thusa beng ba one gore ba dire madi aa botoka le gone go emelana le dikgwetlho bogolo jang mo dinakong tsedi thata.

A re go atolosa madirelo go botlhokwa thata ka gore go ka tswakanya le yone itsholelo.

Mme Kutlase a re le ntswa banni ba kgaolo eo ba tsibogela  go ikopela dithuso tsa mananeo, ba madirelo a bone a tsamayang sentle, ba santse ba le dingalo go oketsa le go atolosa ditlamelo tsa bone.

O ne a kaya fa ba tsweletse ka go leka go ba ruta botlhokwa jwa gore ba seka ba ikeega ka ditirelo dile dingwe hela.

Mothusa molaodi o tlhalositse gore e re le ntswa mananeo a mangwe a tsamaya sentle, go na le bangwe ba e reng fa ba sena go neelwa madi a dithuso tsago simolola dikgwebo, ba e go nna fa fatshe , mme ba je madi ao ka go a dirisa ditiro di sele.

O tlhalositse gore mo mananeong a a sa tlholeng a dira sentle, go supega fa mathata e le boitseme, a tlatsa ka gore bontsi jwa nako go lemosega fa batho ba mofuta o ba tsaya nako e telele go ya kwa madirelong kana ba theogela morago ga nako.

A re bothata jo bongwe ke go tlhoka go dirisa madi sentle, a re bangwe fela fa ba bona matsana ba setse e bile ba itlhaganelela go kgaogana lemme la teng gona le gore bale oketse gore ba kgone go godisa madirelo a bone.

Mme Kutlase a re ba leka ka bojotlhe go tlhatlhelela bao ba ba thusitsweng ka botlhokwa jwago dirisa madi ka kelotlhoko ka gore go nna botlhaswa mo mading go dirile gore dikgwebo ka bontsi di tswalwe.

A re maikaelelo ke gore ba tsee bangwe ba bone mme ba ba ise kwa dikgaolong tse dingwe gore ba e go tsaya malebela gore dikgwebo di tsamaisiwa jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GOODHOPE

Event : potsolotso

Date : 23 Jun 2021