Kgodiso ya ngwana ke ya botlhe
23 Jun 2021
Go godisa ngwana go tlhoka tshwaragano, therisano le kemo nokeng ya barutabana, batsadi le ba-tsaya-karolo botlhe.
E rile a bua kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong Unified Secondary School (TUSS) ka Mosupologo, Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks, a gakolola botlhe go babalela isago ya bana.
Rre Brooks o ne gape a abela baithuti ba sekole seo ba ba tlhokileng lesego ba le masome a mararo dikobo le ba le lesome ditlhako tsa sekole.
Mopalamente o ne a supa fa a kgethile go abela dikole tse di kgolwane kwa kgaolong eo di akaretsa TUSS, Kgolagano kwa Middlepits le Tapologo kwa Werda.
O boletse fa seo gape e le go imolola puso morwalo ka dikobo tse di tlaa akolwa ke bana ba ba tlhokileng lesego mo botshelong mme a ba tlhokomelwa ke puso.
A re o dirisitse P2 000 go rekela bana ditlhako fa dikobo e le tse a di kopileng mo dikhamphaneng tse di farologanyeng.
O boletse fa a ne a tlhotlhelediwa ke mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko a dira seo e le tselana nngwe ya go tiisa bana moko gore ba tle ba kgone go ntsha maduo aa itumedisang mo dikoleng tseo tse maduo a tsone a sa itumediseng.
Rre Brooks o ne a gwetlha barutabana go ema ka dinao go tsholetsa serodumo sa sekole ka go aga bana go nna le boitshwaro le botho jo bo eletsegang.
Mogokgo wa sekole sa TUSS, Rre Siamisang Mokgolodi, o ne a tlhalosa fa baithuti ba ba mo sekoleng seo ba le 1 627 mme mo go bone ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ba le lekgolo masome a boherabobedi le botlhano fa ba ba senang batsadi ba le masome a supa.
A re mpho ya mopalamente e tlaa ba tiisa moko go kgothala mo tirong ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho ka bana le bone ba tlaa bo ba itumetse ba itse fa ba na le boeteledipele jo bo kgathalang ka bone.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding, Rre Boy Olekantse, o ne phophotha legetla mopalamente wa kgaolo eo ka dimpho tse a di abileng ka di tsile ka nako ee thata ya COVID-19 le paka ya mariga ka kgaolo eo e tshabelelwa ke mariga a a bogale thata.
Rre Olekantse o ne a kgothatsa batsadi go tshwaraganela tlhokomelo ya bana.
O ne a supa batsadi bangwe ka monwana ba e reng ba boipelego ba thusitse bana ka diaparo e nne bone gape ba ba di ba rontshang ka go di tsaya mo go bone.
O ne a tlatsa ka go gakolola bana go tlhokomela dimpho tse ba di filweng gore di tle di ba solegele molemo ka di ka tsaya lobaka lo loleele ba ntse ba di dirisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : loeto
Date : 23 Jun 2021