Breaking News

Makhanselara a lela ka go tlhoka go arabiwa

22 Jun 2021

 Makhanselara a kgaolo ya Legare a ngongorega ka maphata mangwe a puso aa sa arabeng dipotso le ditshutiso tsa bone ka nako.

A buile jalo mo phuthegong ya khansele kwa Serowe bosheng. 

Makhanselara a boletse fa dikgang tsotlhe tse ba di isitseng kwa khanseleng di batla dikarabo ka bonako ka gore ba a bo ba romilwe ke batlhophi.

Ba boletse fa gantsi ba laletsa bo tona bangwe go tla go ba buisa ka dikgang tsedi botlhokwa mme bontsi ga bo nke bo tla.

Ba boletse fa se e setse e le  selo modiro ka gore dipotso dingwe di arabiwa morago ga lebaka ba setse ba itlhobogile.

Ba supile fa go na le melala ya dipotso le ditshutiso tsedi rometsweng kwa maphateng aa farologaneng.

Mokhanselara wa kgaolo ya Serokolwane, Rre Setlalekgosi Molefhe, o kopile gore matona a tle kwa khanseleng e fa ba lalediwa go tla go buisana le bone.

Rre Molefhe o boletse fa khansele ya Legare e le bophara thata mme go na le matshwenyego aa batlang matona le bathusi ba bone.

Fa a ba kgwa kgaba, mokwaledi wa khansele ya Legare, Mme Baipelelang Potokwe, o supile fa a tlaa sala morago dilelo tsa bone.

Mme Potokwe o boletse fa a tlaa kwalela maphata aa amegang mme sebe sa phiri ke gore bangwe ba araba morago ga lobaka, fa bangwe ba fetola makhanselera ka dikarabo tsedi sa kgotsofatseng.

E ne e rile gole pele, modulasetilo wa khansele, Rre Ketshwereng Galeragwe, a itsise makhanselara fa COVID-19 e apesitseg kgaolo kobo ka letshoba, e bile makhanselara mangwe a sa kgona go tsena phuthego ya khansele ka gore ba santse ba le mo dirubing.

Le fa gontse jalo khansele e solofetse go buisana ka ditshutiso di le thataro le dipotso dile tharo. 

Dingwe tsa ditshutliso tseo ke ya ga Mokhanselara Million Masumbika wa Maitengwe Borwa, yo o kopang Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae go fokotsa dingwaga tsa bagodi ba ba tsayang madi a itshetso go tswa kwa go 65 go nna 60.

Mokhanselara wa Dibete, Rre Osetse Nthutang ene o tlaa kopa lephata la dikgaolo go tsenya motse wa Poloka mo lenaneong la RADP. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Phuthego ya khansele

Date : 22 Jun 2021