Breaking News

Tshere o itlama go thusa go tokafatsa maduo

22 Jun 2021

Kwelo tlase ya maduo a dikole tsa kgaolo ya Mahalapye Bophirima e tlhoka gore botlhe ba eme ka dinao go tokafatsa seemo se.

Mopalamente wa kgaolo eo, Rre David Tshere, o buile se fa a ne a buisa barutabana le baithuti ba mophato wa boraro ba sekole se segolwane sa Mowana kwa Mahalapye ka Mosupologo.

 A re o tshwenngwa ke kwelo tlase ya maduo a dikole tsa kgaolo ya gagwe, mme a itlama go etela dikole tsotlhe tse di mo kgaolong ya Mahalapye Bophirima go bona gore ofisi ya gagwe e ka thusa jang go tokafatsa maduo.

A re fa bana ba sa dire sentle, ke tatlhegelo ya bokamoso, ka jalo seemo se tshwanetse go baakanngwa.

Rre Tshere a re barutabana ba tshwanetse go rotloediwa gore ba bereke ka matlhagatlhaga gore go nne le maduo aa itumedisang.

O tlhalositse fa maikaelelo e le go dira lenaneo le le rotloetsang barutabana le baithuti ba ba dirileng sentle, e le tsela ya go kgothatsa ba bangwe gore ba bereke ka natla.

Rre Tshere a re go tlhokega gore go nne le dietsele tse di fiwang moithuti yo gaisitseng, yo tokafaditseng maduo le barutabana ba ba berekang ka natla. 

Mopalamente a re baithuti ba tswa kwa dikoleng tse dipotlana ba dira sentle, mme maduo a simolola go wela tlase mo dikoleng tse dikgolwane, ka jalo o ne a kgothatsa baithuti go tsaya tiro ya bona ka tlhwaafalo.

O ne gape a ba rotloetsa go sala morago melawana ya go thibela mogare wa corona. 

Mogolwane wa thuto wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Mme Cecilia Sunday, a re baithuti ga ba tlhokomele dibuka tsa sekole, mme seo se baka tlhaelo ya dibuka mo dikoleng.

O lebogetse ofise ya mopalamente go tsaya karolo mo thutong ya bana, a supa fa seo se ka tokafatsa maduo.

E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa Mowana JSS, Rre Kenneth Maungwa, a tlhalosa fa maduo a bone a ne a wela tlase mo ditlhatlhobong tsa ngwaga o fetileng, mme a supa fa ba ikemiseditse go a tokafatsa. 

 Le fa go ntse jalo, Rre Maungwa o kaile fa sekole sa gagwe se na le tlhaelo ya ditilo, ditafole, le bodiredi jo bo apayang, mme a supa fa lephata le ba file madi a go thapa baapei ba nakwana.

O supile fa ba na le komiti ya batsadi le barutabana e e berekang ka natla, a tlatsa ka gore komiti eo, e ne ya rekela sekole motshine oo ntsifatsang dipampiri.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Joseph Ntesang o lebogetse mopalamente gore a bo a tsaya karolo mo thutong ya bana, a tlhalosa gore fa go ka nna le seetsele se dikole di se gaisanelang, gongwe maduo a ka tokafala ka jaana go tla bo go sena sekole se se batlang go gaisiwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : Mahalapye

Event : Bokopano

Date : 22 Jun 2021