Ngwana wa mosimane o tlhoka thotloetso
22 Jun 2021
Nako e gorogile gore dithuto tsa ditiro tsa mo lwapeng di dirwe ke bana botlhe go itsa go tlogela bana ba basimane kwa morago.
Se se senogile mo dipusisanong tse di neng di tshwarwetswe kwa mo Gaborone ka Matlhatso.
Maikaelelo e ne e le go rotloetsa kgodiso ya ngwana wa mosimane.
Moeteledipele wa lekgotla la Botswana Organisation for Fathers and Children At Risk (BOFCAR) Dr Lesedi Mashumba, a re puso e tshwanetse go rotloetsa dithuto tse mo dikoleng.
Dr Mashumba, yo gape e leng mokwadi wa dibuka, o tlhalositse fa puso e ka dira gore dithuto tseo di dirwe ke botlhe gore bana ba basimane ba seka ba tlogelwa kwa ntle ka lelwapa le tsamaisiwa ke monna le mosadi.
A re ditiro tsa selegae jaaka go apaya, go tlhatswa le tse dingwe di tshwanetswe go dirwa ke basimane le basetsana.
A re bana ba basimane ba godile ba itse gore go apaya le go tlhatswa ke tiro ya basetsana, ka jalo se se tshwanetswe go elwa tlhoko ka dithuto tsa ditiro tsa mo lwapeng, di ruta bana botlhe ka tsa kapei, go roka le gore ba ka tlhokomela lelwapa jang.
O kaile fa se se ka ruta ngwana wa mosimane gore oka dira sengwe le sengwe.
Mongwe wa ba tsaya karolo mo dipuisanong tse, e bile gape ele mokwadi wa dibuka, Mme Lepang Ferguson, o tlhalositse fa bodiragatsi bo santse bo gola mme a supa fa gotswa goo lowe, bodiragatsi bo santse bo le kwa tlase, e bile bana ba basimane ba ne ba kgapetswe kwa thoko.
A re bogologolo bana ba basimane ba ne ba rotloediwa go tsena sekole ba bo ba tlhamalela go ya ditirong.
Mme Ferguson o kaile fa se se dirile gore ngwana wa mosimane a dumele gore tiro ke yone konokono le gone gore go dira tsa bodiragatsi go supa fela fa a tlhaela sengwe kana a sa nonofa thata.
A re batho ga ba nke ba a belwa ka go tshwana, ka jalo go le botlhokwa gore bana ba basimane le basetsana botlhe e ka nna badiragatsi.
Mokwadi, gape ele morutabana, Mme Ipeleng Tatedi, ene o ne a tlhalosa fa a kwadile buka e e bitswang Judah go kgothatsa ngwana wa mosimane go nna se a se batlang.
A re bana ba basimane kana borre ba tlhaela dilo dingwe tse di botlhokwa go akaretsa dithuto tse botlhe ba tlhokang go di itse.
E rile a tswa la gagwe Kgosi Mosadi wa Balete o ne a supa fa puso e tsweletse ka go bona gore ngwana wa mosimane ga a tlogelwe kwa ntle mme a supa fa go le botlhokwa go fetola ditlhaloganyo tsa batsadi ko gae gore baitse fa bana ba basimane ba sa direlwa go bereka fela mme ba ka nna badiragatsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Gaborone
Event : Puisano
Date : 22 Jun 2021