Breaking News

Mothala o lela ka ditlhabololo

22 Jun 2021

Kgosi Merafhe Mothala wa Khwai kwa kgaolong ya Bokone Bophirima a re motse wa gagwe o saletse morago ka ditlhabololo.

O buile se ka Matlhatso fa Mothusa Tona wa Lephata la  Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Sethabelo Modukanele a ne a ile go lekola mananeo a lephata.

Kgosi Mothala o supile fa motse o sena kokelwana, ka jalo banni ba ya bongakeng kwa Mababe le Shorobe, mme baoki baba tsisang ditlamelo ba tla ga ngwefela mo kgweding.

O ne gape a re puso ene e sa agela motse oo sekole go fitlhela mogwebi mongwe a ba tswa thuso ka mpho ya sekole se se botlana se se simolotseng go amogela baithuti monongwaga.

A re tsela e e tshwaraganyang motse wa bone le metse e mengwe go fitlha Maun e le mo seemong se se sa itumediseng.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Patrick Brown, ene o lebogetse matlo a a filweng batlhoki, bagodi, masiela le ba-na-le-bogole ka lenaneo la go tlhabolola dikgaolo.

Rre Brown o supile fa go na le bangwe ba ba filweng dithuso tsa nyeletso lehuma.

Rre Brown o tlhalositse fa motse wa bone o sa akaretswa mo motlakaseng oo phatlaladitsweng go tswa Maun go ema ka Mababe.

A re sekole se se potlana sa Khwai se na le letlhoko la barutabana le la didirisiwa jaaka ditafole le ditilo.

O tlhalositse fa sekole seo e ne ele mpho go tswa kwa lelwapeng loora Gross, mme khansele e ne ya agela barutabana matlo a bonno.

Moeteledipele wa sekole sa Khwai, Rre Saul Boleseng, ene o ne a supa fa sekole seo se na le mephato ya bana ele supa le barutabana ba le ferabobedi, mme barutabana ba le barataro e le ba nakwana.

A re matshwenyego a sekole ke diphologolo tsa naga bogolo jang ditlou tse a reng di senya terata ya sekole mme a re bana ga ba a babalesega. Rre Modukanele  a re puso e leboga kemonokeng ya mogwebi yo o abetseng motse wa Khwai sekole

A re maikaelelo a puso ke go tlhabolola dikgaolo tsotlhe.

Ka jalo o ne a gwetha banni ba Khwai gore ba dirise mananeo a puso sentle gore a ba tswele mosola. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Khwai

Event : Loeto

Date : 22 Jun 2021