Ba gwetlhilwe go ikemela ka dinao
21 Jun 2021
Badiragatsi ba gwetlhwilwe go tswa ka methale ya go itshetsa go na le go ikaega ka puso.
Go buile jalo molomaganya ditirelo tsa Lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao kwa Kgalagadi, Mme Betty Gaotilwe, kwa letsatsing la kgatiso ya dipina kwa Tsabong ka Matlhatso. A re dipina tse di gatisitsweng di tlaa tshamekiwa mo Botswana Television ka malatsi a boitapoloso a ga tautona.
Mme Gaotilwe o ne a tlhalosa fa ka tsamaiso ya pele, badiragatsi ba ne ba simolola go iteisanya borathana kwa dikgaolwaneng tsa bone go ipatlela phatlha kwa makgaolakgannyeng aa neng a tshwarwa ka malatsi a ga tautona.
A re mo tsamaisong e e fetotsweng, go na le lekoko le le romilweng lefatshe ka bophara go gatisa dipina, mme go ya ka ditumalano tsa lephata, go gatisiwa ditlhopha tse di neng di diragaditse ka botswerere, tse di neng di le botoka le ba ba magorogo masha ka ngwaga wa 2019 fa dikgaisano di ne di santse di tshwarwa. A re ditlhopha tse di tlhophilweng di akaretsa tsa mmino wa polka, dikhwaere, dinnoto, metshameko ya drama, ba ba diragatsang ka bongwe e leng karata, setinakane, leboko, disc jockey le diletso tse di magorogo masha.
Mme Gaotilwe a re badiragatsi ba tlaa atswiwa ka P25 000 ditlhopha fa ba ba ikemetseng ba tlaa tlhatswiwa diatla ka P5 000 mongwe le mongwe wa bone maikaelelo a puso e le go ba inola mo manokonokong a segajaja sa COVID-19.
O boletse fa maikaelelo a lephata e le go tswelela ka go gatisa dipina tsa badiragatsi go fitlhelela seemo sa mogare se se ritibala.
Thulaganyo ya bobedi ya kgatiso ya dipina e tlaa dirwa gape ka kgwedi ya Phukwi le Phatwe gore di dirisiwe ka malatsi a boitapoloso a boipuso.
Moeteledipele wa setlhopha sa Seboana Theatre kwa Tsabong, Rre Lefoko Tebele, a re puso e leka ka bojotlhe go ba ema nokeng mo nakong eno ya segajaja sa COVID-19.
Rre Tebele o ne a supa fa setlhopha sa bone se tsweletse ka go ipapatsa ka maranyane a Facebook gore Batswana ba kgone go ba itse ka seo se ka ba neela sebaka sa gore ba ba kgatlhegele mme morago ba ba laletse fa ba na le mediro go ya go natefisa.
Setlhopha sa Seboana se tlhamilwe ka ngwaga wa 2014, mme se ne sa dira bontle mo dikgaisanong tsa dikgaolwana mme aa fetela kwa legatong la bofelo la makgaolakgang kwa se neng sa gapa maemo a bobedi.
O ne a gwetlha banana le badiragatsi ba ba bangwe go inaakanya le mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone le gone go itshetsa e seng fela go baya mo pusong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Kgatiso y dipina
Date : 21 Jun 2021