Baithuti ba Serowe college ba kopa lephata go tsiboga
21 Jun 2021
Baithuti kwa Serowe College of Education ba lela ka dikgwetlho tse ba reng di tlhoka go potlakelwa.
Moeteledipele wa lekgotla la baithuti, Mme Tshireletso Mack, o ntshitse matshwenyego a bone fa Mothusa Tona wa Thuto e Kgolwane, Dipatlitisiso, Boitseanape le Boranyane, Rre Ronald Shamukuni a ne a ba etetse bosheng. Mme Mack o boletse fa baithuti ka kakaretso ba na le dikgwetlho tse di tlhokang gore lephata le di tsibogele ka bofefo.
A re ga kgotsofalele ka fa ba thusiwang ka teng le mororo ba itela nako le nako.
A re dikatso le dithuso dingwe ga di tle sentle, a tlatsa ka gore ditlamelo dingwe tse ba di dirisang mo dithutong di a ba ngongoregisa.
Mme Mack a re mo go tsa botsogo, ba beilwe ka fa mosing.
A re le ntswa bangwe ba bone ba amiwa ke mogare wa corona, go tsaya lebaka gore ba botsogo ba tsiboge go thusa kwa sekoleng.
O boletse fa tiriso ya maranyane kwa sekoleng sa bone e le nngwe ya dikgwetlho ka maranyane a sa bereke sentle le mororo puso e rotloetsa tiriso ya maranayane go fefosa ditirelo.
A re se se ama baithuti le bodiredi jwa sekole.
Mme Mack o boletse fa dipone tsa mekgwatlha mo sekoleng di sa dire sentle mo go bakang gore dirukutlhi di thube kgapetsa kgapetsa mo sekoleng.
O boletse gape fa mabala a metshameko otlhe a se mo seemong se se itumedisang le ntswa ba tshwanetse go itshidila mebele nako le nako.
Mogokgo wa sekole, Rre Johane Oletile ene a re sekole seo ke sengwe sa tse di dirang botoka thata mo go aloseng barutabana ba tlhwatlhwa.
A re bodiredi le baithuti ba makgolo a supa, mme tirisano mmogo ke ee kwa godimo thata.
O ne a ngongorega ka mabala a metshameko a kaya fa a se mo seemong se se itumedisang.
Rre Oletile o boletse fa go na le tlhaelo ya matlo a boroko a babereki mme seo se ba kgoba marapo ka ba sa nne sentle le fa ba tlhaela.
Mogokgo a re megala ya sekole e senyega kgapetsa kgapetsa mo go kgoreletsang tomagano mo go tsa maranyane, a bo a re ntlo ya boapeelo ya baithuti le yone ga e a siama. Le fa go ntse jalo mothusi tona le lekoko la gagwe ba ne ba tsaya matshwenyego a, mme ba bolela fa ba tlaa a nnela fa fatshe go batla tharabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : loeto
Date : 21 Jun 2021