Banana ba kopiwa go duela dikoloto
21 Jun 2021
Tona wa Lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare, o kopile banana ba ba adimilweng madi ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) go itlhamela dikgwebo le go duela dikoloto.
O buile jalo ka Labone mo leetong la go lekola dikgwebo tsa banana kwa Shoshong le Moralane. Rre Rakgare a re go a tshwenya go bo bangwe ba banana ba ba adimilweng madi a bo ba ikgatholositse go duela dikoloto tsa bone go ya ka fa tumalanong ya bone le lephata.
O tlhalosiste fa letlhoko la ditiro, segolo jang mo bananeng, e le sengwe se se bonwang ke mongwe le mongwe.
A re kgwetlho ee tlhoka gore letsatsi le letsatsi go amoganwe megopolo e ka yone go ka rarabololwang matshwenyego a.
Tona Rakgare o ne a rotloetsa banana ba ba nang le kgatlhego ya go itshimolodisetsa dikgwebo go ikatumetsa gore re ba tle ba thusiwe go itlhamela dikgwebo ka puso e lemogile fa lenaneo la YDF le thusa mo go fokotseng letlhoko la ditiro.
Dikgwebo tsa banana, go ya ka Tona Rakgare, di ka kgona go thusa go fetola selebego sa metse fa di ka nonotshiwa gore di gole.
O akgoletse Mme Eldah Mogologolo, yo o dingwaga tse di masome a mane le bongwe, go bo a setse a feditse tuelo ya sekoloto sa gagwe sa YDF.
Kwa Moralane, Tona Rakgare o ne a rotloetsa banana ba ba kopanetseng kgwebo ya temo thuo ya Xhamm Ka Chee, go nna le boineelo le popagano.
Mo godimo ga moo, o kopile bagolwane ba tsa dikoporase le boeteledipele jwa motse go tlhatlhelela banana ba ka dikgakololo le maele otlhe a go tsamaisa kgwebo le go e bapatsa.
Mo go tse dingwe, Tona o rotloeditse banni go tswelela ka go obamela melawana ya COVID-19, a gatelela gore mogare wa corona o teng e bile o gapa matshelo a batho letsatsi le letsatsi.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, o lebogetse Rre Rakgare go bo a lekotse dikgwebo tsa banana ba kgaolo ya gagwe, mme le ene a rotloetsa boeteledipele botlhe go tshwaraganela go thusa banana ka dikakanyo le botsipa ba go tsamaisa dikgwebo tsa bone sentle.
Kgosi Felix Kgamane wa Shoshong le ene o lebogetse Tona Rakgare leeto la gagwe a re go a itumedisa go bona a dira ka natla go rotloetsa kgolo ya dikgwebo tsa banana ka maikaelelo a go lwantsha letlhoko la ditiro bogolong jang thata mo bananeng.
Mokwaledi wa lephata, Rre Kago Ramokate, o supile fa go itumedisa go bo dikgwebo tse dingwe tsa banana di tsweletse sentle, a re seo ke sekao sa gore lenaneo la YDF le a bereka.
Rre Ramokate o rotloeditse maphata a puso go ema dikgwebo tsa banana nokeng ka go reka mo dikgwebong tsa bone, a kopa maphata go ya go sekaseka ka fa theko e dirwang ka teng mme banana ba kgone go bona madi mo thekong ya puso.
O tlhalositse fa se se ka dira pharologanyo e tona mo matshelong le dikgwebo tsa banana.
Rre Ramokate o ne a gakolola banana go ikopanya, go amogana megopolo le go ithuta mo go ba bangwe ka tsamaiso ya kgwebo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : SHOSHONG
Event : leeto
Date : 21 Jun 2021