Rakgare ga a itumedisiwe ke bonya
20 Jun 2021
Tona wa Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare, a re o tshwenngwa ke bonya jwa go tlhabololwa ga lefelo la Moiyabana Youth Cooperatives.
Lefelo leo le abetswe banana ba Moiyabana le metse e e mabapi go rua le go lema mo go lone.
Rre Rakgare o buile se mo potsolosong ka Labotlhano morago ga go etela lefelo leo le go buisanya le bagolwane le banana ka lone.
A re go utlwisa botlhoko go bona banana ba le mo letlhokong le letona la ditiro e bile lefatshe leno le na le kgwetlho le sa kgone go ijesa le ntswa go na le mafelo a a tshwanang le Moiyabana Youth Cooperatives.
A re puso e ntshitse P2.5 million go tlhabolola lefelo leo, ka jalo ba ba maleba ba tshwanetse go dira tiro ya bone gore lefelo leo le kgone go diragatsa maikaelelo.
Rre Rakgare a re go utlwisa botlhoko gore lefelo leo le tsere sebaka se seleele go tlhabololwa.
A re dilo di le mmalwa di tlaa dirwa mo lefelong leo jaaka thuo ya dikoko, dikolobe, temo ya maungo le merogo, thuo ya ditlhapi le tse dingwe.
Tona a re mo nakong eno lefelo leo le le selekanyo sa 45ha le setse le ageletswe mme go tlaa agiwa lefelo la modisa dikago a tla a nnang teng e.
A re go tlaa epiwa didiba le tse dingwe gape a re tiro eo e ntsi e bile e kabo e sa bolo go simololwa.
Rre Rakgare a re ba ba maleba ba tshwanetse go dira ka bofefo jo bo kgonagalang gore tiro ya paakanyo ya lefelo e wele go thusa banana gore ba ntshe dijo le go rua.
O ne a supa fa madi a a ntsheditsweng lefelo leo a le mantsi mo a ka kgong go fetsa ditiro tsotlhe tse di tlhokang go dirwa.
A re tlhwatlhwa ya go aga lefelo la modisa dikago e ne e le kwa godimo thata mme a kopa gore go emisiwe mme go dirwe sesha gore ditlhwatlhwa e nne tse di siameng.
A re banana ba lefatshe leno ba tlhoka ditiro mme bonnyennyane jo puso e bo tshwereng bo tshwanetse bo somarelwe gore bo kgone go ba thusa.
Mo go tse dingwe, Rre Rakgare o ne a ikuela mo bananeng gore ba itse fa COVID-19 e se phelelo ya botshelo, ka e tlaa feta mmematshelo a boele kwa a neng a le teng.
A re monana le fa a tsene dithuto tse di kwa godimo le fa a sa di tsena go na le se a ka se dirang go tokafatsa botshelo jwa gagwe.
Tona a re fa motho a itlhoboga ga gona sepe se a ka se kgonang mme o tshwanetse a iteke a kgone go nna motho yo o nang le bokamoso.
Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi o ne a rotloetsa banana go tsaya lefelo la Moiyabana Youth Cooperatives ka tlhwaafalo. A re fa banana ba ka nna tlhaga, lefelo leo le ka nna le seabe se setona fela thata mo go tlhabololeng matshelo a bone le gone go thusa gore lefatshe leno le ijese.
A re Moiyabana o sego thata gore a bo a na le lefelo leo mme fa banana ba sa tlhwaafale, se se ikaeletsweng go dirwa se tlaa seke se kgonagale. O ne a lebogela leeto la ga Tona Rakgare a supa fa le tla a ba tiisa moko. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOIYABANA
Event : loeto
Date : 20 Jun 2021