Breaking News

Mogae o supa botlhokwa jwa mokento

20 Jun 2021

E rile ka Mopitlo monongwaga, Botswana a tshimolodisa mokento wa segajaja sa COVID-19.

Ka go lemoga fa bagodi, segolo jang ba ba dingwaga tse di fetang masome a supa le botlhano, ba tlhokafala ka dipalo tse dintsi, mokento o ne wa simolola ka bone ga mmogo le bangwe ba ba tshelang ka malwetse a a borai.

Lenaneo la go kenta le ne la simolola ka mokento wa AstraZeneca o o tsewang gabedi.

Bangwe ba ba neng ba nna basimolodi ba mokento o, e ne e le tautona wa boraro wa Botswana, Dr Festus Mogae, Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Dr Edwin Dikoloti, mookamedi wa ditirelo tsa botsogo Dr Malebogo Kebabonye le bangwe ba mapolotiki a pele jaaka Rre Daniel Kwelagobe. E rile ka Labotlhano, bangwe ba ba tsereng lemao la ntlha ba ne ba tsaa la bobedi.Fa a fetsa go tsaa lemao la gagwe la bofelo, Dr Mogae o ne a rotloetsa Batswana ba ba emetseng go tsaa lemao la bone la bobedi go fefosa dinao.

 O ne gape a kgothatsa ba ba iseng ba tsee mokento mme ba o emetse, a re go botlhokwa go kentiwa ka gore le ntswa mokento o sa fodise COVID-19, o tlaa thusa go fokotsa dintsho.

Dr Mogae o ne a rotloetsa badiredi ba botsogo go itlhaganelela go kenta fa mekento e gorogile. Le fa gontse jalo, o kopile Batswana go tsaa mekento fa e gorogile ka jaana e tlaa boloka matshelo.

E rile a tswa la gagwe, Dr Dikoloti le ene a gatelela botlhokwa jwa go tsaa lemao la bofelo, a gakolola ba ba emetseng lemao la bobedi go ela tlhoko letsatsi le ba le beetsweng go tsaa lemao.

Dr Dikoloti o ne a tlhalosa gore mokento o bereka fela fa o tserwe otlhe, mme a rotloetsa botlhe ba ba tsereng lemao la ntlha go ipaakanyetsa go tsaa la bobedi.

A re Batswana ba tsweletse ka go ya kwa mafelong a go tsewang  mekento go tsaa lemao, a tlhalosa fa se ele sesupo sa gore molaetsa o a goroga kwa Batswaneng ka botlhokwa jwa go tsaa mokento.

Ba botsogo ba tsweletse ka go kenta Batswana, mme jaaka lenaneo la go tsaya AstraZeneca la bobedi le simolotse, setlhopa se sengwe sa dingwaga tse masome a matlhano le botlhano go ya kwa godimo le sone se tsweletse ka go tsaa mokento wa ntlha. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GABORONE

Event : Legato la bobedi la mokento wa AstraZeneca

Date : 20 Jun 2021