Ba rotloediwa go tlhokomela tikologo nako tsotlhe
20 Jun 2021
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kgatleng, Rre Masiela Mandoze, o rotloeditse banni ba Rasesa go phepafatsa tikologo ka dinako tsotlhe.
Fa a bua kwa tshimolodisong ya go phepafatsa tikologo kwa Rasesa ka Labone, Rre Masiela o boletse fa maikaelelo e le go tsibosa le go rutuntsha banni ka tlhokomelo ya tikologo.
Rre Mandoze a re lenaneo la go sela matlakala, le le rulagantsweng ke khansele ya Kgatleng ka kgwedi ya Motsheganong, le tlaa tswelela go fitlhela Phalane.
O tlhalositse fa khansele e ise e nne le motlhala wa gore molelo o o nang le dikgwedi tse pedi o tuka kwa lehuting la matlakala la Pilane o katswa o bakilwe ke eng, a tlhalosa fa dipelaelo e le gore go katswa go tshubile batho ba ba selang matlakala go a dirisa mo go tsa itshetso.
A re seemo se se busetsa khansele kwa morago ka jaanong ba itebagantse le go tima molelo mme ditsompelo di tlhaela.
O kopile ba ba selang matlakala kwa lehuting gore ba nne kelotlhoko ka dinako tsotlhe go hema dikotsi tsa go tshwana le go tshuba matlakala e se maikaelelo.
O tlhalositse fa keletso ya puso e ne e le go tswala lehuti le ka 2015 ka le siilwe ke nako.
Rre Mandoze a re fa ditsompelo di letla, go tlaa tlhabololwa lehuti la matlakala le lesha le le ka emelang dikgwetlho tsa segompieno, a tlatsa ka gore khansele e dirile maano le dithulaganyo tsa go aga lehuti leo go bapa le le le setseng le le teng.
O kaile fa khansele e setse e inaakantse le go dira moalo wa lefelo le lesha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : RASESA
Event : Phepafatso Tikologo
Date : 20 Jun 2021