Breaking News

Thuto ka ditlhopho e santse e tlhokega - Makhiya

20 Jun 2021

Makalana a a emetseng bomme a tlhoka thuto e e tseneletseng ka tsamaiso ditlhopho.

Le ntswa bomme ba tlhopha ka dipalo tse dintsi, ba santse ba saletse kwa morago mo go emeleng ditlhopho, selo se se supang fa thuto e santse e tlhokafala mo go bone. 

Se se builwe ke motlhophisi mogolo kwa lephateng le le tsamaisang ditlhopho kwa kgaolong ya Mahalapye Bophirima, Rre Clifford Makhiya kwa thuto puisanong e e neng kwa Mahalapye ka Labone.

A re batlhophi ka kakaretso ba santse ba tlhaela ka kitso ya gore tiro ya bo ntlhopheng ke eng.  

O ne a kgothatsa baemedi ba maphata go isa molaetsa wa tsamaiso ya ditlhopho kwa setshabeng. Rre Makhiya a re kakanyo ya gore tiro ya bo ntlhopheng ke go thusa setshaba fa se na le mathata jaaka leso ga se yone, a re go dira seo e a bo e le ngwao le setho sa Batswana fela.

 O supile gore fa thuto e gorogile sentle kwa batlhophing, dipalo tsa ba ba ikwadisetsang ditlhopho di tlaa gola

A re gape fa thuto e gorogile mo batlhophing, palo ya ditlalama tse di senyegileng e tlaa wela tlase.

Rre Makhiya o supile gore baemedi ba ditlhopho ba tshosediwa ke batlhophi ba bone gore fa ba sa ba thuse ga ba na go ba tlhopha, mme a supa gore bo ntlhopheng ba kgona go latlhegelwa fela ba ntse ba thusitse setshaba. 

Rre Makhiya a re go botlhokwa gore maphata a tsene dithuto tse mo mafelong a bone, a re le ntswa maphata a dira tiro e e tshwanang, dikgwetlho tsa one di a farologana ka jaana mafelo a sa tshwane. 

O ne a fa sekai ka sepodisi, a re mapodisi a Mahalapye ga a tshwanela go emela a Shoshong mo diphuthegong tsa go tshwana le tseo, a re dikgwetlho tse ba Shoshong ba kopang le tsone ka nako ya ditlhopho ga di tshwane le tsa ba Mahalapye.

A re dikgwetlho tse maphata a kopanang le tsone, di ka kgonwa go rarabololwa teng mo diphuthegong tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : MAHALAPYE

Event : Thuto puisano

Date : 20 Jun 2021