Breaking News

Tema ya ntlha ya AstraZeneca e a wela

19 Jun 2021

 E rile ka Labotlhano, Batswana ba ba tsereng lemao la ntlha la AstraZeneca le le sireletsang kgatlhanong le segajaja sa COVID-19 ka Mopitlo, ba tsaya lemao la bobedi e le la  bofelo mo setlhopheng sa bagolo ba ba dingwaga tse 75 le go feta.

Fa a fetsa go tsaya lemao la gagwe la bofelo mo Gaborone, Dr Dr Festus Mogae, e le mongwe wa basimolodi ba mokento o, o ne a rotloetsa Batswana ba ba emetseng go tla go tsaya lemao la bobedi e bile e le la bofelo go fefosa dinao.

 O ne gape a kgothatsa ba ba iseng ba tsee mokento mme ba o emetse, a re go botlhokwa ka jaana e re ntswa mokento o sa fodise COVID-19, o tlaa thusa go fokotsa dintsho.

Dr Mogae o ne a tswelela a rotloetsa badiredi ba botsogo go itlhaganelela go kenta, mme gape a re o tlhaloganya seemo sa gore mekento e diega go goroga.

E rile a tswa la gagwe, Dr Dikoloti le ene a gatelela botlhokwa jwa go tsaya lemao la bofelo., a gakolola ba ba emetseng lemao la bobedi go ela tlhoko letsatsi le ba le beetsweng go tla go tsaya lemao gape.

 Dr Dikoloti o ne a tlhalosa gore mokento o bereka fela fa o tserwe otlhe, mme a rotloetsa botlhe ba ba tsereng lemao la ntlha go ipaakanyetsa la bobedi.

E re go ntse go tsweletse jalo, ba botsogo ba simolotse go kenta setlhopha sa dingwaga tse 55 go ya kwa 74 ka lemao la ntlha la AstraZeneca.

Ka go bona COVID-19 e apesitseng lefatshe kobo ka letshoba, Botswana o ne a simolola go kenta setshaba ka Mopitlo go simololwa ka bagodi ba dingwaga tse di 75 le bangwe ba ba tshelang ka malwetse a a sa alafesegeng ka a ka nna kotsi mo matshelong a bone.

Legato la ntlha la mokento o, le ne la simololwa ka mokento wa AstraZeneca o o tsewang gabedi ka katologano ya dikgwedi tse tharo go tswa mo lemaong la ntlha.

Ends

 

 

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GABORONE

Event : Mokento wa COVID-19

Date : 19 Jun 2021