Lephata la thuto le tla tsaya dituelo mo baithuting
17 Jun 2021
Lephata la Thuto e Kgolwane, Dipatlisiso, Boitseanape le Boranyane le tlaa itshwaraganya le lekalana la Botswana Unified Revenue Service (BURS) go ba thusa go busa madi a ba neng ba a dueletse baithuti dithuto tsa ithutelo ditiro.
Se se builwe ke mookamedi wa lephata leo, Prof. Nelson Torto jaaka a ne a afa lekoko la palamente le le okametseng komiti ya madi (PAC) pego ka dituelo tse ka Labobedi.
O kaile fa puso e tlaa tswelela ka go tsaya madi mo baithuting ba ba neng ba dueletswe gore le kgonne go thusa ba bangwe. .
Prof. Torto a re puso e dirisitse madi a mantsi go duelela baithuti, ka jalo ke nako ya gore lephata le lbone gore madi ao a a busiwa.
A re go botlhokwa go dira jalo ka go tlaa thusa lephata go baakanyetsa bana ba ba tlhokang go thusiwa.
Modulasetilo wa komiti eo, Rre Dithapelo Keorapetse o gakolotse lephata la thuto gore le batle dikhamphani tse di ithuthetseng go tsaya dikoloto gore di ba thuse go phutha dikoloto
O gakolotse lephata la thuto gore ba batle nako go ithulaganya ka go dira jalo go tlaa ba thusa gore ba atlege mo go phutheng madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GABORONE
Event : PAC meeting
Date : 17 Jun 2021