Dikgang tsa bana di tshwanetse go potlakelwa
17 Jun 2021
Batsaya karolo mo dikgannyeng tse di amang bana ba kgothaditswe go potlakela le go tswa ka ditharabololo tse di ka felelang di aga ngwana wa moAfrika wa motia.
Fa a bua mo letsatsing la ngwana wa moAfrika kwa Tsabong ka Laboraro, mo dipuisanyong tsa matlho a phage tsa maphata a a farologanyeng a itebagantse le dikgang tsa bana, mogolwane wa UNICEF Mme Gomolemo Rasesigo o ne a supa fa ba tshwaraganye le puso go tlhomamisa gore dikgang tsa bana le mananeo a a ka solegelang bana molemo a a diragadiwa mo lefatsheng ka bophara.
Mme Rasesigo a re dingwe tsa dikgang tse ba di tseelang kwa godimo ke tsa kgokgontsho le tshireletsego ya bana, ka jalo a re ba itebagantse le go nonotsha batsaya karolo go ba ruthuntsha ka dikgang tse di amang bana.
A re ba dira seo ba tshwaraganye le ba lephata la dikgaolo le tlhabololo magae ka badiri ba boipelego.
A re ba lemogile fa tiro ya ba boipelego, bogolo jang mo dikgannyeng tse di amang bana e lebanywe ke dikgwetlho, selo se se bakwang ke tlhaelo ya bodiredi le gone gore ba tsaya nako e ntsi ba sa rutuntshiwe.
O boletse fa gape ba tsentse leitlho mo dikgannyeng tsa go lebelela le go dira le batsayakarolo mo molaong wa bana wa 2009 o o tlamang gore ngwana mongwe le mongwe a akole tsa thuto ya boleng jo bo kwa godimo go simolola fela a le kwa tlase ga dingwaga tse tlhano le gone go rutwa dithuto tse di tshwanetseng ka dingwaga tse di maleba.
A re ba lebelela gape gore a bana mo lefatsheng ka bophara ba akola tsa botsogo tse di ba siametseng, gore a melemo e teng e e ba alafang le gone go thusa puso go sekaseka kwa e ka rekwang teng.
Mme Rasesigo o ne a supa fa gape ba itebagantse le dikgang tsa madi go tlhomamisa gore go na le madi a a lekaneng a a ka dirisiwang go tsibogela letlhoko la bana.
Mookamela mapodisi a Kgalagadi, Senior Superintendent Makgophe Oageng o ne a tlhalosa fa mapodisi a itlamile go tsaya dikgang tse di amang bana ka matsetseleko ka dikgang tsa bone e nna ‘phitlhela kgomo ya serotswana.’ A re ba sepodisi ba tlhomamisa gore di sekwa ka nako e e tshwanetseng mme kwa bofelong badira molato ba tseelwe dikgato tse di gagametseng.
Rre Oageng o ne a tlhalosa fa go na le mapodisi a a rutuntshiwang ka dikgang tse di amang bana gore ba tshwanetse go di tshwara jang gore kwa bofelong di seka tsa felela di ba beile ka fa mosing. A re seo ba se dira ba tshwaraganye le ba boipelego le barutabana ba tshidilo maikutlo kwa dikoleng.
O boletse fa dikgang tse di ba tshwenyang thata tse di amang bana mo Kgalagadi e le tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boherabobedi, tsa go ikgatholosa bana ba ba tsholang bana ba le kwa tlase ka dingwaga, dititeo le petelelo gareng ga tse dingwe.
Mookamela mapodisi o ne a tlhalosa fa dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boherabobedi e le tsone di di gogang kwa pele ka 259 go simolola ka 2016 go fitlha mo nakong ya gompieno.
A re dipalo tseo di ne di tsholetsegile thata ngogola ka di ne di le 97 ka lebaka la COVID-19 le go itharabologelwa ga batsadi go ya go pega dikgang tsa bana morago ga go tsibosiwa ke mapodisi ka go tshwara diphuthego.
Mogolwane go tswa mo lephateng la Thuto go tswa kwa Moding, Rre Danile Zulu o ne a tlhalosa fa ba tsweletse sentle ka maitlamo a go betla ngwana go simolola fela fa a santse a le mmotlana.
A re ke sone se puso e neng ya simolodisa go amogela bananyana ba ba tonto tshipidi.
Rre Zulu o boletse fa mo nakong ya gompieno ba setse ba amogetse bananyana ba ba le 8 599 go simolola ka 2013 go fitlha mo nakong ya gompieno, ba thapile barutabana ba le 56 le ba le m21 ba ba thusang mo dikoleng di le masome mane le bobedi mo Kgalagadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : letsatsi la ngwana wa moAfrika
Date : 17 Jun 2021