Banana ba lebogela lenaneo la dihutshane
17 Jun 2021
Banana ba kgaolo ya Selebi Phikwe ba iteela lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la dihutshane loshalaba, ka le simolotse go tswa maduo.
Lenaneo le, le simolotse mo kgaolong ya Selebi Phikwe Botlhaba le Bophirima ngogola ka Ngwanaatsele fa Tautona Masisi a ne a abela barui ba banana diphelehu tse di tlhabolotsweng.
Mongwe wa ba ba ileng ba amogela phelehu, Rre Laone Nkonga wa masimo a Phokoje mo kgaolong ya Selebi Phikwe Bophirima o lebogetse thotloetso e a neng a e fiwa keTautona ka go mo abela phelehu e e tlhabolotsweng.
Monana yo, yo o dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe, o kgonne go bona dikonyana tse tharo tsa phelehu e a neng a e abelwa mme e bile o solofetse gore palo ya teng e ntsifale ka tse dingwe di santse di dusa.
A re phelehu eo e kgonne go tlwaela mahudiso ga mmogo le tikologo eo go sena le fa ele bothata bope.
Morui yo, a re o e tlhokomela fela jaaka a tlhokomela dinku tse dingwe gore e seka ya mo tswa matsogong ka a sokotse ka lobaka a sena phelehu.
Maikaelelo a gagwe ke go tsadisa dinku tse gore a kgone go rekisetsa batho le puso ka lenaneo la LIMID.
Rre Nkonga yo o simolotseng thuo ya dihutshane ka lenaneo la madi a banana, o setse a na le dinku di le masome mabedi le borataro mme o ikaelela go gola go feta fa gore mo isagong a kgone go rekisa dinku mo kgaolong ya SPEDU.
A re thuo ya dihutshane e na le dikgwetho mme e tlhoka bopelotelele le lorato la go rua gore morui a kgone go bona dipoelo.
Rre Nkonga a re morui o tshwanelwa ke go kenta leruo la gagwe gore le seka la tsenwa ke malwetse ga mmogo le go phepafatsa fa dinku di nnang teng gore di seka tsa tshabelelwa ke malwetse.
A re seruiwa se tshwanelwa ke go ja sentle gore se tiye bogolo jang mariga ke nako e mo go yone phulo e amegang fela thata.
A re ngogola o dirisitse madi a mantsi go jesa dihutshane tsa gagwe ka naga e ne e sena phulo.
Mo godimo ga dinku, Rre Nkonga o ruile dikoko gore a kgone go nna a rekisa ka bonako go tlhabolola botshelo jwa gagwe ka dinku di rekwa morago ga sebaka.
Monana yo mongwe yo o tsweletseng sentle ke Rre Alfa Mokgadi wa masimo a Selokwane mo Selebi Phikwe Botlhaba.
Rre Mokgadi yo o dingwaga tse di masome mararo le bone le ene o ne a fiwa phelehu ke Tautona.
Le fa go ntse jalo, nku e e teilweng leina la Ephraim e santse e ise e ntshe maduo sentle ka e ne e le la ntlha e simolola go bekara.
Monana yo o solofetse go nna le dikonyana tsa phelehu eo mo nakong e e sa fediseng pele.
Le fa a na le dinku di feta masome a mane o tshwentswe thata ke gore dinku tsa gagwe le dipodi di tsala botonanyana mme se se dira gore dihutshane tsa gagwe di seka tsa ata jaaka a eletsa.
A re o kgonne go bapatsa diphoko di le lesome le bobedi mo go ba LIMID mme ga rekwa di le thataro.
O tlhalositse gape fa theko ya dinku mo tikologong ya Selebi Phikwe e le boutsana mme go le gantsi a rekelwa ke batho ba ba tswang mo mafelong a sele.
O rotloeditse Batswana go ema barui ba dihutshane nokeng ka go reka dinku le dipodi go itshimololela kgwebo kana go ja, a tlhalosa fa nama ya podi e le monate fela thata.
Rre Mokgadi o ikaelela go atolosa kgwebo ya gagwe ka lenaneo la madi la banana go oketsa palo ya dipodi tse di namagadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Posolotso
Date : 17 Jun 2021