Breaking News

UCCSA Kalamare e abela dikolo ditlhako tsa sekolo

17 Jun 2021

Kereke ya United Congregation Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Kalamare e abetse dikole di le tlhano ditlhako tsa sekole di le 223.

Ditlhako tseo di abetswe dikole tse dipotlana tsa Bonwapitse, Mmutlane le Kalamare, tse di kgolwane tsa Kalamare Junior Secondary School le Shoshong Senior Secondary SchoolKwa Kalamare bosheng. 

Kereke ya UCCSA e bile ya aba le dikausu tsa sekole di le 219.

Moeteledipele wa kereke eo Moruti Laone Motlharing  a re batsadi ba bangwe ga ba na bokgoni jwa go  neela bana tsotlhe tse ba di tlhokang, ka jalo a rotloetsa gore batho ba nne le mowa wa lorato mo go ba ba tlhokileng lesego.

O kopile gore batsadi ba tshwaraganele thuto ya bana le barutabana.

Fa a lebogela tiro e e dirilweng ke kereke ya UCCSA, Kgosi Goareng Mosenyi wa Kalamare o ne a re ga se gore kereke e dirile jalo ka ntlha ya gore e na le madi, mme a re ba gwetlhilwe ke mowa  wa lorato.

A re dikereke di tswa kgakala di na le seabe se segolo mo go tlhabologeng ga lefatshe, a afa sekai ka dikole le dikokelo tse di agilweng ka ntlha ya dikereke.

Kgosi Mosenyi a re thuto ke pitsa e e maoto mararo, e akaretsa bana, barutabana le batsadi, mme a supa fa batsadi bangwe ba sa dire maikarabelo a bone mo thutong ya bana.

 A re go le gantsi fa ngwana a sa dire sentle kwa sekolong, batsadi ba itlhaganelela go kgala barutabana.

“Bana ba kgona go thoka go tsena sekole sentle, mme ba feletse ba se tlogetse ka lebaka la go tlhoka botsadi jo bo nonofileng,” ga bua Kgosi Mosenyi.

Kgosi o rotloeditse kereke gore e bereke ka thata go aga motsadi, a supa fa motsadi a kgona go tsaya sebaka sa dingwaga a sa tsenelele diphuthego tsa batsadi le barutabana.

Mo boemong jwa barutabana le baemedi ba dikole tse di neng di abelwa ditlhako, Mme Khumo Ramokhua yo e leng morutabana kwa Kalamare Junior Secondary School a re seabe sa batsadi mo thutong ya bana se kwa tlase thata.

 A re go le gantsi o kgona go fitlhela ngwana yo o tsenang sekole se segolwane e le ene motsadi wa bomonnawe, mme motsadi a nna kwa lefelong le sele le tshwana le kwa Mahalapye.

Mme Ramokhua a re diemo tsa go tshwana le tse di ama thuto ya bana mo go feteletseng.

O lebogetse se kereke e se diretseng dikole, a supa fa bana ba ba tlhokileng lesego ba tlaa kgona go thusiwa.

Fa a ntsha la gagwe, Mokhanselara wa kgaolwana ya Kalamare, Rre Moagiemang Mpho a re o eletsa go bona dikereke tse dingwe di dira se kereke ya UCCSA e se dirileng.

A re maduo a ngwana a kgona go angwa ke ka fa a tshelang ka teng mme  a felele a wela tlase.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : KALAMARE

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Jun 2021