Breaking News

Kereke ya universal e abela batlhoki

17 Jun 2021

 Kereke ya Universal kwa Gaborone e abetse batlhoki ba le masome a marataro le boferabobedi dikobo, dijo le diaparo kwa Letlhakeng.

Fa a amogela baeng kwa kabong dimpho eo ka Laboraro, Kgosi Tumelo Puleng o ne a gakolola banni ba Letlhakeng gore le bone ba itlwaetse go aba, a supa fa ba kgona go dira fela jaaka mokgatlho wa Segotja Molelo o o simolotseng o le monnye mme wa tloga wa anama le lefatshe la Botswana.

Kgosi Puleng o ne a kopa banni go tswelela ba obamela melawana ya botsogo ya COVID-19, a supa fa mogare o o santse o le teng.

O kopile banni go ipipa dinko le melomo, go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa, go nna ba katologanye le go emisa go dumedisana ka diatla.

Kgosi o ne a kopa ba ba sa abelwang go nna pelotelele ka jaana batlhoki ba le bantsi, a supa fa nako ya bone e tlaa tla.

E rile a bua ka maikaelelo a letsatsi leo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Letlhakeng Bokone, Mme Emily Kasemang o ne a supa fa ba tsile go abela batlhoki ba ba sa thusiweng ke ba boipelego, mo boemong jwa kereke ya Universal go tswa kwa Gaborone.

O tlhalositse fa kereke eo e tlhalositse fa ba na le lekalana le le itebagantseng le go thusa, mme ba ne ba abela komiti ya ditlhabololo tsa motse dikobo, dijo le diaparo gore ba tle ba di abele ba ba tlhokileng lesego boemong jwa bone. 

Modulasetilo o supile fa ba ne ba abelwa dikobo di le masome a mane le botlhano tse ba tlaa di abang go ya ka letlhoko la bone.

Mme Kasemang o ne a supa fa bangwe ba abelwa dijo le diaparo fa ba bangwe ba tlaa fiwa dikobo le diaparo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo dimpho

Date : 17 Jun 2021