Breaking News

Bogogobo o tlaa tsenngwa dipone

17 Jun 2021

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks a re puso e semeletse go isa ditlamelo kwa Batswaneng mme go tlaa tsenngwa dipone tsa marang a letsatsi kwa Bogogobo mo ngwageng ono wa madi.

Rre Brooks o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Bogogobo bosheng. 

A re go tlaa gokelwa dipone tsa marang a letsatsi kwa Bogogobo ka madi a a ntshiwang ke puso go tlhabolola dikgaolo tsa botlhophi mo ngwageng ono wa madi. 

Mopalamente a re go dira jalo go tlaa lopa P1 million. 

O ne a supa gore go botlhokwa gore boradikonteraka ba ba tlaa fiwang tiro eo ba thape banni ba metse e e mo kgaolong eo gore le bone ba obe letsogo le gone go anywa botsipa jwa tiro ya mofuta oo.

Mopalamente o ne a rolela banni melao yotlhe e e fetisitsweng kwa palamenteng e e fetileng mme a re banni ba ipaakanyetse go tsaya karolo go diragatsa puso ya batho ka batho.

 O tlhalositse gore molao-motheo wa lefatshe leno o tlaa sekasekwa ngwaga e e tlang go tokafatsa ditsetlana dingwe, ka jalo banni ba tshwanetse ba tsaya karolo fa nako e tla.

Rre Brooks re go fa Motswana sebaka sa go itseela ditshwetso le go ipeela molao ke tsamaiso e ntle mo pusong ya batho ka batho.

O ne a tlhalosa gape gore lekgetho la ditirelo le dithoto le okeditswe ka two per cent go nna 14 per cent mme seo se ne se direlelwa gore madi ao a kgone go thusa mo ditlhabololong tsa lefatshe. 

Mopalamente o ne a tlhalosa gore makgetho ke tsela nngwe e puso e tsenyang madi ka yone mme mafatshe mangwe a a mabapi a setse a tsamaya kwa go 16 per cent le 18 per cent.

Gape a re lekgetho la leokwane le okeditswe mme puso e tlaa lopa P1 mo lithareng nngwe le nngwe.

 O tlhalosa gore se se tlaa thusa go tsamaisa ditirelo tsa puso tsa letsatsi le letsatsi, ka jalo Batswana ba tshwanetse ba amogele ditshwetso tseo ka gore puso e mo leshekereng la madi, lebaka legolo e le corona.

Mopalamente a re molao o mongwe o o tlaa fetolwang ke wa lephata la bojanala le melao e e tsamaisang di community trust gore matshelo a batho a fetoge. 

Lefatshe la mafudiso le tlaa okediwa go tsena gaufi le lefatshe la diphologolo mme Palamente e dumetse gore go dirwe patlo- maikutlo le gone gore go rekegelwe tshenyo e diphologolo di ka e dirang.

Gape Rre Brooks o boleletse banni gore molao wa kabo ditsha o tokafaditswe gore jaanong batho ba ka bewa le fa go sena ditlamelo di tshwana le metsi, motlakase le ditsela gore bogolo batho ba nne le ditsha tsa bonno mme ditlamelo di tlaa tla kwa morago.

A re lenaneo la Ipelegeng le tlaa tokafadiwa mme le tlaa tlhama ditiro tsa boleng jo bo rileng jaaka go dira dikago go na le go kgaola bojang ngwaga go ya ngwageng.

 A re puso e tsisa diphetogo tseo gore Batswana ba nne le dikitso tse di rileng tse di ka isang lefatshe leno kwa pele. 

O tlhalosa gore lefatshe leno le ikaelela go nna le itsholelo e e ikaegileng ka dikitso, ka jalo go botlhokwa gore lenaneo la Ipelegeng le fitlhelele seo.

Moeteledipele yo, o tlhalositse gore palo ya batho e e neng e tshwanetse go tshwarwa mono ngwaga e tlaa nna ngwaga e e tlang ka mabaka a seemo sa bolwetse jwa COVID-19.

 O ne a gakolola batho gore ba ipaakanyetse tiro e ka e na le seabe se setona go tsisa ditlhabololo kwa bathong. 

O ne a tlholosa gore go bala batho go thusa gore go nne le melao-kakanyetso e e thusang mo ditogamaanong tsa mananeo a puso.

A re dipalo tsa batho ke tsone tse di supang kwa batho ba leng bantsi teng le gore ditlhabololo di ka dirwa fa kae. 

Rre Brooks o ne a tlhalosa gore go botlhokwa gore batho ba nne teng ba balelwe mo magaeng a bone. 

O ne a tlhalosa gore morago ga seo, go tlaa supiwa gore melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e tlaa bewa fa kae. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : BOGOGOBO

Event : phuthego ya kgotla

Date : 17 Jun 2021