Breaking News

Kgalagadi Borwa e lepalepane le mogare wa HIV

16 Jun 2021

Fa e sale go simologa ka 2018 ga go na ngwana ope yo o tshotsweng a na le mogare wa HIV kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa

Dikgang tse di molemo tseo di  boletswe ke molomaganya ditirelo tsa HIV/AIDS mo kgaolong eo, Mme  Cathrine Molomo kwa Maralaleng bosheng.

Mme Molomo o ne a buisa ba ba neng ba tsene tirelo ya go tshuba dipone go gopola ba ba tlhokafetseng ka lebaka la bolwetse jwa AIDS le le neng le rulagantswe ke ba Support Group. 

O ne a kgothatsa morafe go tswelela o gagamaditse ntwa kgatlhanong le HIV gore mmaba yoo a fenngwe gotlhelele.

E ntse e le kwa tirelong eo,  Kgosi David Megano wa Maralaleng o ne a re mo bogompienong batho ga ba a tshwanela go latlhegelwa ke matshelo ka ntlha ya HIV ka puso e ntshitse dipilisi tse di ritibatsang mogare oo. 

Kgosi o ntshitse kgothatso e bosheng ka letsatsing la go Kgosi o kgothaditse banni ba motse oo le setshaba ka kakaretso go itse seemo sa bone sa HIV gore ba kgone go thusiwa ke ba bongaka nako e sa ntse e le teng.

A re dinako ga se tsa maloba tse bontsi bo neng jwa tlhokafala ka lebaka la HIV/AIDS, sebe sa phiri e le gore bangwe ba ne ba iphitlha ka monwana ka go tlhoka go itse seemo sa bone sa mogare ntswa puso e tsweletse ka go babalela matshelo a bone ka diplisi tse di ritibatang mogare.

O ne a gwetlha ba ba ikamogetseng ka bolwetse jo go nwa dipilisi tseo ka nako le ka fa go tshwanetseng ka teng le go sala ditaelo tsa ba botsogo morago gore ba tle ba kgone go tshela lebaka.O ne a iteela bomme  ba motse oo ba Support Group  legofi go bo ba tswetse mo pontsheng ka go nna sekao mo go ba bangwe gore ba seka ba itlhabelwa ke ditlhong fa ba setse ba tsenwe ke mogare gore ba kgone go itseela kgato go sireletsa matshelo a bone.

Fa a ntsha molaetsa wa letsatsi leo, mooki go tswa kwa kokelwaneng ya motse oo, Mme Gomotsegang Pego o ne a supa fa letsatsi leo la mafatshefatshe la AIDS Candle Light Memorial le tlhophetswe go gopola ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka lebaka la HIV/AIDS. 

A re letsatsi le le akaretsa le ba ba amilweng ke bolwetse mme ba santse ba le mo botshelong, e le bomme, bana, banna ba ba ratanang ka bong ba ba dirisang ditagi, ba ba senang malwapa le batshabi tota.Mme Pego o ne a tlhalosa fa letsatsi le e le go tsaya sebaka go ema nokeng ba ba amilweng ke bolwetse jo ka tota go sena yo o sa amegang.

A re bo ka tswa bo tsene motho kana mongwe wa losika, ka jalo go le maleba gore ba thuse jalo ka tshidilo maikutlo go fokotsa manokonoko a mogare.

O ne a tswelela ka go tlhalosa fa gape ba tshwanetse go tiisa go lwela botsogo le ditshwanenelo tsa ba ba amegileng go na le go ba kgokgontsha kana go ba kgetholola ka seemo sa bone ka batho ba iphitlhela ba le mo diemong tse tsa botshelo ka mabaka a a farologanyeng jaaka a go kgokgontshiwa. 

Mme Pego mo mafokong a gagawe o ne a supa fa mo nakong ya gompieno lefatshe leno le dira sentle mo  go   maitlamong a  UNAIDS 90-90-90  a seelo se le se ipeetseng.

A re  ditshekatsheko di supa fa  batho ba le 344 080 (92 per cent) ba ba tshelang ka mogare ba itse seemo sa bone fa ba le 326 876  (95 per cent) ba setse ba tsene mo lenaneong  le go tsaya diritibatsi. 

O ne a gwetlha baeteledipele ba merafe ba akaretsa dikgosi, baruti, mapolotiki le ba-tsaya karolo botlhe go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o tsewa ka tekatekanyo go akola tshireletsego mo mogareng wa HIV, ka go itlhatlhoba, tsa kalafi le tsa tshidilo maikutlo.

Mongwe wa ba ba tshelang ka mogare wa HIV, Mme Elizaberth Bimbo yo o dingwaga tse di masome mane le borataro o ne a supa fa e sale a simolotse go nwa dipilisi tsa ARV ka 2005 morago ga go lwala.

O ne a gwetlha ba ba setseng ba tsenwe ke mogare gore ba seka ba itirela boferere le go tlhajwa ke ditlhong mme ba tswele mo pontsheng gore ba kgone go nwa diARV ba phuthologile, ka seo se ka ba thusa  go amogela dikgakololo tsa ba ba eletsang go ba ema nokeng le go ba sidila maikutlo. Mme Bimbo o ne a gakolola ba bangwe gore ba seka ba itlhakatlhakanyetsa ka go nwa diARV ka bojalwa kana motsoko ka gore seo se tlhomamisitswe ke ba botsogo gore se kgoreletsa dipilisi go bereka sentle mo mmeleng.

O ne a galaletsa puso go bo e ne ya bona go le botlhokwa go babalela Batswana ka dipilisi tseo ka mo nakong ya gompieno dintsho  di setse di fokotsegile thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MARALALENG

Event : Candle memorial

Date : 16 Jun 2021