Kgafela o akgola bagwebi
16 Jun 2021
Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mmusi Kgafela a re go a itumedisa go bona bagwebi ba thusa setshaba, a kaya fa se se supa fa bagwebi ba lebogela kemo-nokeng e ba e fiwang ke setshaba mo dikgwebong tsa bone.
Rre Kgafela o buile jaana kwa moletlong wa kamogelo dimpho tse di tswang kwa khamphaning ya Olimis Building & Glazer kwa sekoleng sa Mochudi Resource Centre for the Blind bosheng.
Rre Kgafela, yo gape e leng Tona wa tsa Peeletso, Papadi le Madirelo, o akgoletse khamphani eo bopelontle jo e bo dirileng jwa go abela sekole dimpho.Dimpho tseo, di akaretsa melora e e tlhapang e le masome mane le bosupa, e e tlhatswang e le masome mane le bosupa le didirisiwa tse dingwe tse di tlhapang ga mmogo le dibolaya-megare.
O ne a rotloetsa baithuti ba sekole seo gore le bone fa ba atlegile mo botshelong, ba gopole ba ba nang le botlhoki, a re se se ka itumedisa Modimo e bile ba ka atlega le go feta.
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa sekole seo, Mme Tebatso Menyatso o kaile fa batsadi ba le bantsi ba eletsa gore bana ba bone ba ba-tlhoka pono ba amogelwe mo sekoleng, mme a kaya fa go sa kgonagale ka ntlha ya gore ba tlhaelelwa ke ditsompelo le matlo a bonno.
Mme Menyatso o kopile gore kwadiso ya mananeo a puso e ranolelwe mo mokwalong wa ba-tlhoka pono, a re se se ka direla ba-tlhoka pono tiro motlhofo go ikwadisa ba sa tlhoke thuso mme le bone ba akole mananeo.O kopile gape gore sekole sa bone se thusiwe ka ditsompelo tsa ba-tlhoka pono. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : MOCHUDI
Event : kamogelo dimpho
Date : 16 Jun 2021