Breaking News

Barekisi ba diaparo tsa maanapo ba a lela

16 Jun 2021

Barekisi ba diaparo tse di kileng tsa dirisiwa tse di tlwaelesegileng ka leina la maanapo kwa Serowe ba re kgwebo ya bone e babaletswe ke go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19.

Fa ba bua mo potsolotsong bosheng, ba re morago ga go tlhagoga ga COVID-19 ka 2020, kgwebo ya bone e ne ya wela kwa tlase thata.

Ntswa bangwe ba kile ba bo ba tlhabelwa ditlhong ke go inama ba selasela, diaparo tse, tse di ditlhwatlhwa di kwa tlase, di ne tsa tuma mo dingwageng tsa bosheng, bogolo jang ka dingwe e le tsa maina a a rileng.

Tshimologong di ne di tumile kwa Gaborone, mme ka go bona di rekwa kgwebo e ya anamela kwa mafelong a mangwe.

Pele barekisi ba ne ba rekisa dilwana tsa bomme, mme ba atolosa kgwebo go rekisa diaparo di tshwana le tsa borre, bana, ditlhako le tse dingwe fela jalo.

Mongwe wa bagwebi bao, Mme Lorato Odumetse a re o tsweletse ka kgwebo ya gagwe ntswa mo dinakong tse dingwe go le thata ka a kgona go fetisa malatsi a mararo go sena moreki.

O ne a supa matshwenyego ka ditlhwatlhwa tse di ileng kwa godimo tsa theko ya diaparo kwa ba di rekang teng.

A re theko ya mophuthelwana wa diaparo tseo e ile kwa godimo mme seo se dirile gore le bone ba oketse ditlhwatlhwa tsa bone fa ba rekisa.

Ka jalo a re seemo seo se ba babalela thata ka ba ba rekang mo go bone ba ngongoregela koketso ya ditlhwatlhwa.

Mme Odumetse yo o rekisetsang kwa marekisetsong a Boiteko kwa Serowe a re pele ga go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19 ba ne ba kgona go ya kwa mafatsheng a Zambia le Afrika Borwa go ya go reka diaparo mme tse dingwe di bonala di le disha mme mo nakong eno ba felela ba reka fela le fa diaparo tsa teng di sa kgotsofatse.

A re seemo se se a ba ketefalela ka ba tshwanelwa ke go ntsha madi go dira ditlhatlhobo tsa bolwetse jwa COVID-19 gore ba ye go reka tse ba di rekisang kwa mafatsheng a sele.

Ka jalo a re ba felela ba reka diaparo mo go ba ba kgonang go ya kwa mafatsheng ao go ya go di reka mme seo se boa gape se ba kokonela ka ba reka ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.

Mme Odumetse a re go leka go tsosa kgwebo ya gagwe o feletse a rekisa diaparo dingwe tse a ka di rekang ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mo lefatsheng leno jaaka dikausu, matsela a a ipewang mo molaleng, matsela a a bipang molomo le dinko, dijesi tsa dikole tsa Serowe ka go farologana le dilwana dingwe tse di rekwang ka go beeletsa di tshwana le dipitsa le tse di itshasiwang.

Mme Wame Otsholeng le ene o ne a supa fa kgwebo ya gagwe ya go rekisa diaparo tse di aperweng e wetse tlase.

A re pele ga go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19 o ne a na le batho ba le bantsi ba ba rekang diaparo tsa gagwe, bogolo jang ba ba tlang go amogela madi a lenaneo la Ipelegeng.

A re mo nakong eno ga a na barotloetsi, selo se a belaelang se tlhotlhelediwa ke go wela tlase ga itsholelo, letlhoko la ditiro le go tswalwa ga madirelo mangwe.

A re fa bolwetse jwa COVID-19 bo simolola go utlwala mo ngwageng o o fetileng bangwe ba ne ba tshaba go reka diaparo tse ba di rekisang, ba supa fa di tloga di ba tshela bolwetse mme mo nakong eno seemo se fetogile ka ba kgona go reka, le fa e se mo go kae.

A re fa diaparo tse a di rekisang di goroga o a di tlhatswa go rurifatsa gore ga di na leswe lepe a bo a di gatisa go ntsha sepe se se ka tswang se le mo go tsone.

Mme Otsholeng o ne a supa fa a na le tsholofelo ya gore dilo di tlaa boela mannong mme ba kgone go tsosolosa dikgwebo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 16 Jun 2021