Breaking News

Modukanele o akgola ba XaiXai go bo ba ikilela

15 Jun 2021

 Mothusa tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo magae, Rre Sethabelo Modukanele o lebogetse banni ba Xaixai mo kgaolong ya Okavango go bo ba tshwere ka natla go ikilela mo mogareng wa COVID-19.

O akgotse jalo maiteko a banni mo bokopanong le boeteledipele jwa motse.

A a re go nametsa pelo go utlwa fa go sena kgang epe ya COVID-19  e e kwadisitsweng mo motseng oo jaaka e sale bolwetse bo tlhagoga.

A re seo ke sesupo sa gore banni ba itumile molomo wa tlase go tshwaragana le puso go lwantsha mmaba yoo ka jaana o amile lefatshe ka bophara. 

Rre Modukanele a re bontsi jwa batho ba latlhegetswe ke matshelo ka ntlha ya mogare wa corona, ka jalo a kgothatsa banni go tswelela ka go ipabalela le gone go sala ditaelo tsa ba botsogo morago ka dinako tsotlhe.

O boletse fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a tshwenyegile ka bolwetse jo, e bile a dira ka gotlhe go bona gore Batswana ba sireletsegile gongwe le gongwe kwa ba leng teng.

A re ke ka moo puso e boloditseng letsholo go ralala lefatshe e rera efangedi ya gore morafe o itshireletse mo go tsenweng ke mogare ka go diragatsa dikgakololo tsa ba botsogo go tila  ditlamorago tsa bolwetsi jo.

Rre Modukanele o boletse fa puso e itlamile go laola bolwetse jo ka jaana bo amile mehama ya itsholelo. 

O gwetlhile morafe go tsaya mokento.

A re ba ikgatholose dipego tse e seng tsa boammaruri tsa gore o na le ditlamorago tse di diphatsa, a tlatsa ka go re mokento oo o sireletsegile. 

 Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a lekodisa bogogi ka maikaelelo a mangwe a ga Tautona Dr Mokgweetsi jaaka go atalosetsaa ditlhaeletsanyo tsa maranyane go ya kwa Batswanaeng ka kakaretso.

 A re maiteko a tiro eo a tswa tema, a tlhalosa fa maikaelelo e le go rotloetsa tiriso ya maranyane go ralala lefatshe ka bophara, a tlatsa ka go re puso ga e batle ope a salela kwa morago mo tlhabololong go sa kgathalesge gore a batho ba kwa metseng e e kgakala le ditlamelo kgotsa mo ditoropong.

O boletse fa tiriso ya maranyane e tlaa fokotsa metsamao e meleele go latela ditlamelo, a supa fa kwa palameneng ba gatetse pele ka jaana ba dirisa maranyane go tshwara bokopano.

Rre Modukanele o ne a lebogela kgokelo ya maranyane a letsatsi mo motseng wa Xaixai, a re tiro eo ke sesupo sa gore kwa ba go yang go gaufi. 

Motlakase wa letsatsi o goketswe kwa sekoleng le kwa matlong a komiti ya ditlhabololo tsa motse oo.

Mothusa tona o ne a itsese bogogi fa puso e tsere tshwetso ya go tlhabololo lenaneo la Ipelegeng gore le dire ditiro tsa boleng tse di ka solegelanag banni molemo mo isagong.

Kgosi Nxuka Xishee o ne a supa fa COVID-19 e amile matshelo a banni mme a supa fa ba na le tsholofelo ya gore ka lengwe la malatsi lefatshe le tlaa fenya ntwa kgatlhanong le mogare oo.

A re pele ba ne ba kopana mo kgotleng e le morafe go tshwara morero ka go tlhabolola motse wa bone mme gompieno ga go kgonagale ka ntlha ya segajaja.

Le fa go ntse jalo, o ne a lebogela maiteko a matona a go ba etela le go ba lekodisa ka dikgang tse di ba amang le tse di dirwang ke puso a re seo ke sekai sa gore puso e itlamile go direla dilo mo pontsheng.

Kgosi Xishee o ne a gwetlha banni go nna pelotelele ka jaana ba tlaa tsibosiwa ka mananeo a puso e a dirang. 

O ne a lebogela tirisanyo mmogo ya maphata a puso mo motseng wa gagwe. 

Bogogi jwa motse bo ne jwa kopa puso go katolosa kokelwana ya bone gore e kgone go itepatepanya le diemo tsa botsogo tsa gompieno le go ba thusa ka mmelegisi.

Ba ne ba kopa gape gore ba direlwe phaposi e go ka tlhatlhobelwang megare wa COVID-19 le HIV mo go yo ne le gore ba agelwe lefelo le bomme ba ba itsholofetseng ba ka letelang fa go lone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : XAIXAI

Event : Bokopano

Date : 15 Jun 2021