Breaking News

Armando morui yo o lorato

15 Jun 2021

Lorato lwa thuo lo lo mo go Rre Fastudo Armando yo o dingwaga di masome a mane le botlhano lo simolotse mo bonaneng jwa gagwe fa malomaagwe a sena go mo tshwaela mebutla e le mebedi.

Rre Armando o ruile mebutla, bommantshe, dikolobe, masogo, dikoko ka mehuta, dipidipidi le dihudi ga mmogo le dihutshane mo motsaneng wa Ditladi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba dikhilomithara di ka nna some go tswa mo Tonota.

Mo potsolosong le BOPA, Rre Armando a re o simolotse thuo ya mmutla ka dingwaga tsa bo 1987 mme o dirisitse dipoelo go tokafatsa Botshelo jwa gagwe. 

A re thuo ya mebutla e bogadi bo gaufi. “Mmutla fa o jesiwa sentle o kgona go tsala mebutlanyana e ka tshwara lesome kgwedi le kgwedi,” ga tlhalosa morui yoo. 

O ne a supa fa a e rekisa gape a a aja bontlha bongwe ja mebutla e a bolelang a e rua kwa tlase ga lobaka lwaa dingwaga tse pedi.

Go fitlha jaana, ga a ise a inaakanye le lenaneo lepe la dithuso go atolosa thuo ya gagwe.

Morui yo o boletse fa a simolotse go rua dikgaka ka 2005 mme a oketsa ka bommanche ka 2008 e bile ke leloko la lekgotla la Botswana Ostrich Farmers Association. Rre Armando gape o thusa ka go tshwarela barui ba ba simololang thuo ya bommantshe dinonyane tseo tsa naga.

Mo losikeng lwa dikoko Rre Armando o na le tsa Setswana, Orpington, Hans, Light sucesx le tse dingwe.

A re o letlelela dikoko, masogo, dikgaka, dipidipidi le dihudi go elama mae mme di thube ntle le tiriso ya motshine.

Rre Armando a re o rata leruo la gagwe ka go lekana e bile le ntsha maduo a a mo itumedisang  ka go lekana. 

Fela a re dikgwetho ke thaelo ya dimao le melemo  ya diphologolo. 

Kgwetlho e nngwe ke thwathwa tse di kwa godimo ya dijo tsa leruo. 

A re pele o ne a e tle a lemele leruo dijo le fa komelelo le go tlhoka pula e ne e nna kgwetlho.

Le fa go ntse jalo, monnawe Rre Fastudo e bong Vint  yo le ene e leng morui, o supile fa mmaraka wa bone e bong puso le Batswana ka bongwe ka bongwe o wetse tlase ntateng ya COVID-19. 

Batho ga ba na madi gape ga ba kgone go tla go reka ntateng ya kiletso mesepele mo ba tlamegang go romela mebutla ka bese ba e duelela; selo se a reng se baka ditshenyegelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratagaone Madome

Location : DITLADI

Event : potsoloso

Date : 15 Jun 2021