Breaking News

Mapodisi a Charleshill a tlhotlhomisa petelelo

15 Jun 2021

 Ramapodisi wa kgaolo ya Charleshill, Superintendent  Lefa Kareng a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di lesome le borefa bobedi a beteletsweng bosheng.

Mo potsolotsong le BOPA, Rre Kareng a re go belaesega gore mme yoo o beteletswe ke borre ba le babedi.

A re go bolelwa gore pele ga tiragalo eo, babelaelwa bao, ba ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le masome mararo le borataro, ga mmogo le mo-tswa sethabelo ba ne ba itisitse ka go nwa bojalo.

Mo go tse dingwe o boletse fa ba ne ba tshwara batho ba le masome mabedi mo mafelong a a farologanyeng le beng ba mafelo a thekiso ya bojalwa ba le babedi kgwedi e r fetileng  mo letsholong kgatlhanong le batho ba ba ikgatholosang melawane ya bolwetse jwa COVID-19.

 Le fa go ntse jalo o tlhalositse fa batho ka bontsi ba sa sale melwana ya COVID-19 morago kwa motseng oo.

Mo letsholong le lengwe a re ba ne ba tshwara mogwebi mongwe wa semausu ka dipilisi tsa Grandpa mme a duedisiwa P1 000 ka a ne a fitlhetswe ka dipilisi tse di sa letlelelweng mo Botswana . BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : CHARLESHILL

Event : Potsolotso

Date : 15 Jun 2021