Breaking News

Diphetogo di baka tshekatsheko molao

15 Jun 2021

 Mookamedi wa Lephata la Tlhokomelo Matlakala le Tshomarelo Tikilogo, Mme Oarabile Serumola a re diphetogo  di bakile gore lefatshe leno le tle ka molawana o mosha o o ka thusang Batswana go gweba ka matlakala. 

O boletse jaana fa a buisanya le babegadikgang ka Mosupologo mo Gaborone.

A re tlhokomelo ya matlakala e fetogile le dipaka, ka jaana lefatshe leno le lone le ne la fetoga go tswa mo go ikaegeng ka temo-tumo , mme le matshelo a batho a fetoga. 

Mme Serumola a re diphetogo tse, di tsile ka mefuta e e farologanyeng ya matlakala go tswa kwa  malwapeng le mo madirelong.

Ka jalo, a re puso e tsile ka molawana o mosha, o e bileng khuduthamaga e setse e dumalane nao, e bile o ya go bewa palamente pele ka Ngwanaatsele.

A re se ke maikaelelo a go simolola gore Batswana ba bone matlakala e le nngwe ya ditsela tse ba ka itshetsang ka tsone.

Mme Serumola a re dingwe tsa diphetogo tse di solofetsweng ke go rotloetsa mongwe le mongwe go nna le sebaka sa go laola  matlakala, go fokotsa go isa matlakala kwa  dikhuting le go rotloetsa go latlha matlakala mo go babalesegileng.

A re go tlaa nna le mananeo a sennelaruri a go somarela matlakala, go fetola boitshwaro jwa batho ka tshomarelo matlakala, ga mmogo le go rotloetsa tshwaragano le makalana a a ikemetseng go laola le go somarela matlakala.

Mme Serumola a re matlakala ke khumo,  mme go tlhokafala gore ba ba nang le boitseanape ba itshupe  ka fa bone ba ka dirisang matlakala ka teng go dira khumo.

Mo nakong eno, a re mangwe a matlakala a isiwa kwa mafatsheng a re bapileng le one, mme seo se tlhamele banni ba mafatshe ao ditiro, tse di ka bong di dirwa ke Batswana.

Mogolwane yo o itebagantseng le kolelo matlakala, Mme Mpho Tebele o ne a tlhalosa fa mhama wa kolelo matlakala le tlhokomelo ya one,  o le motona e bile o le turu.

A re mafuti a go latlhelwang matlakala kwa go one a setse a imelwa,  selo se se bakwang ke gore matlakala a a isiwang koo a tlhakatlhakane.

Mme Tebele o tlhalositse fa Botswana a saenetse ditumalano tsa mafatshefatshe tsa tlhokomelo matlakala le pabalesego ya one.

A re molao o o mo tirisong o a tlhaela, ka jalo molao o mosha o tsile go tswala diphatlha tse di leng teng, le gore lefatshe leno le diragatse maitlamo a lone.

Mme Tebele o ne a tlhalosa fa go tlaa nna le go kgaoganya matlakala kwa a simololang teng go tlhofofatsa kolelo ya one ke ba ba tlhokang go a dirisa go itshetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : GABORONE

Event : puisano ya babegadikgang

Date : 15 Jun 2021