Breaking News

Kitso ka thuo ya ditlhapi e a tlhaela

14 Jun 2021

 Lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) le tla tlhabolola lefelo la tsadiso ya ditlhapi la Mmadinare Fish Hatchery ka go batla methale e mesha ya go tsadisa le go atolosa mhama wa kgwebo ya ditlhapi.

Mookamela lekalana leo, Dr Richard Moatshe, o supile fa ba tlaa kopana le ba Mmadinare Fish Hatchery go bona gore lefelo leo le ka tlhoka madi a a kae go le tlhabolola, le go bona gore a le lekane go dira se se tlhokwang.

Dr Moatshe  o buile jaana morago ga go etela lefelo le ka Labotlhano, a tlhalosa gore tsotlhe di ka dirwa mo dikgweding tse di sa feteng boraro. 

A re mhama wa tlhapi ke mongwe  wa mehama e e ka thusang go tsosolosa itsholelo le go ntsha Batswana mo lehumeng.

Go ya ka moitseanape wa tsadiso ya ditlhapi, Rre Seabelo Thekiso, lefelo la tsadiso ya ditlhapi kwa Mmadinare le sale le simolotse go dira ka 2010, maikaelelo magolo e le go tlhabolola boleng jwa tlhapi le go gweba ka yone.

Rre Thekiso o tlhalositse gore le fa go ntse jalo lefelo leo ga le dire ka fa go neng go solofetswe ka teng ka Batswana ba sa ntse ba sa le dirise, a tlhalosa fa ba kgona go tsadisa ditlhapi mme ba felele ba di buseditse kwa matamong di tlhokile bareki.

Rre Thekiso a re maikaelelo magolo a lefelo leo ke go ntsha peo e e nang le boleng go ka rekisetsa ba ba nang le kgatlhego ya go tsena mo kgwebong le ba ba ruelang go ja.

A re ba ruile mefuta e mebedi ya ditlhapi e bong Catfish e e itsegeng ka leina la babore le ya Talapia kana Brim.

A re gore motho a kgone go reka tlhapi kwa go bone go tlhoka teseletso e e tswang kwa go ba lephata la diphologolo.

A re maikaelelo a se ke go laola motsamao wa ditlhapi.

Le fa go ntse jalo, Rre Thekiso a re ba lebanwe ke dikgwetlho mabapi le go tsadisa ditlhapi, a supa fa kago ya tsadiso ya ditlhapi e sa tlhole e bereka, ka jalo ba dirisa matamo go tsadisa ditlhapi.O supile fa mo nakong ya gompieno ba dirisa matangwana go tsadisa ditlhapi ka motshine o o elamang o sala o senyegile ka 2010 mme e ne ya re ka  2018 wa baakanngwa mme wa kgona go tshwarelela mo dikgweding tse tharo fela.

Go tsibogeleng seo, mothusa tona mo lephateng la Peeletso, Papadi le Madirelo, Rre Molebatsi Molebatsi yo le ene a neng a tsile le maphata a a ka fa tlase ga lephata la gagwe, o supile fa go tshwenya go bona lefelo la seemo sa go nna jaana le sa kgone go dirisiwa.

A re go supa fa Batswana ba sa ntse ba sa tlhaloganye mosola wa mhama wa tlhapi.

Rre Molebatsi o supile fa ba bone go le botlhokwa go bereka mmogo le maphata a mangwe a tshwana le la temo-thuo, makalana a a ikemetseng a tshwana le a LEA, SPEDU le a mangwe gore ba kgone go tsosolosa lefelo leo.

Rre Molebatsi a re go botlhokwa gore Batswana ba rutwe ka mosola wa tlhapi  ka e le bogadi bo gaufi e bile nama ya yone e siametse botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : MMADINARE

Event : Leeto

Date : 14 Jun 2021