Balemi ba kgothadiwa go tshwaragana
14 Jun 2021
Balemi ba kgaolo ya Mmadinare ba kgothaditswe go ikopanya gore ba kgone go bona dithuso ba le seopo sengwe.
Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare e bile e le mothusa tona wa Lephata Peeletso, Papadi le Madirelo, Rre Molebatsi Molebatsi o buile jaana jaaka a ne ile go lekola balemi ba Maphomoleng kwa Mmadinare.
Rre Molebatsi o supile fa nako e gorogile ya gore balemi ba simolole go ntsha dijo tse di lekaneng go jewa mo gae le go rekisetsa mafatsheng a sele, a tlhalosa fa maphata a puso a simolotse go bereka mmogo go bona gore seo se a diragala.
A re maikaelelo magolo a lephata la gawe ke go bona gore dijo tse di ntshiwang ke balemi di goroga jang kwa baji-bareking go fokotsa madi a a dirisiwang go reka dijo kwa ntle.
Le fa gontse jalo, modulasetilo wa lekgotla la balemi la Maphomoleng, Rre Thato Monyame o supile fa balemi ba lebanwe ke dikgwetho tse nako nngwe di ka ba kgobang marapo.
Rre Monyame o supile fa ngwaga o setse o wetse ba tsentse kopo go kwadisa mokgatho mme go sena nko e tswang lemina, mme a kopa mothusa tona go ba tswa thuso ka se se ba dia go tswelela.
A re nngwe ya dikgwetlho tse di lebaneng balemi ba temo ya nosetso ke go tura ga di dirisiwa di tshwana le menontshane, dipeo tsa boleng le letlhoko la motlakase ka a supa go le turu go o gokela.
O ne a kopa mothusa tona go ya go thulanya ditlhogo le ba a dirang nabo go sekaseka gore a balemi ba temo ya komelelo ba ka seka ba thusiwa ka bontlha bongwe jwa didirisiwa.
O supile fa dipeo tse di nang le boleng di seyo mo Botswana, ka jalo ba patelesega go di reka kwa Afrika Borwa mme se se ba turela, ka jalo nako nngwe ba patelesega go dirisa tsa boleng jo bo kwa tlase.
A re balemi ba a leka go ntsha dijo mathata ga go na kwa ba di rekisang teng.
A re go ne go ka nna botoka fa madirelo a matona a ka reka mo go bone, ka go dira jalo go ne go ka ba tiisa mooko ka mo nakong ya gompieno thobo ya bone e senyegela kwa masimong go sena kwa ba e isang teng.
Mookamedi wa SPEDU Rre Jazenga Uezeza o ne a kgothatsa balemi gore ba seka ba kgobega marapo ka go santse go le mo lenaneong la gore balemi ba masimo a a bapileng le noka ya Motloutse ba gokelelwe motlakase gore ba kgone go o tsenya ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mo masimong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MMADINARE
Event : Phuthego
Date : 14 Jun 2021