Breaking News

Kgosi Mosielele ene e le moemedi wa motia

13 Jun 2021

 Dibui ka go farologana di supile fa mopalamente wa pele wa Ngwaketse Borwa  e bile e le kgosana wa tetlanyo kwa ga  Mafhikana mo Kanye, Kgosi Dennis Mosielele e ne e le moemedi wa motia.

Ba ba neng ba ipelela botshelo jo bo ntle jwa gagwe kwa phitlhong ka Labotlhano kwa Kanye ba supile fa e ne e le senatla e bile a amile matshelo a batho ka go farologana.

Fa a bua mo boemong jwa ditsala, Rre Leach Tlhomelang o ne a bolela fa Kgosi Mosielele a tswa kgakala ka go emela  matshelo le dikeletso tsa Batswana ka dinao ka jaana a kile a nna mokhanselara wa Mafhikana mme ya re morago a nna mopalamente wa Ngwaketse Borwa ka 1984 go fitlhelela 1986, kgaolo e gompieno e bidiwang Mmathethe/Molapowabojang.

Kgosi o ne a nna leloko la kabo ditsha la Ga-Ngwaketse pele ga a tsaya bogosi ka 1994, jo a bo tlogedisitsweng ke bokoa ngogola Lwetsi a fela.

A re Kgosi Mosielele e ne e le senatla, ke sone se Mafhikana a neng a dira ditiro tse dintsi tsa ditlhabololo ka boithaopo.

Rre Tlhomelang a re tsotlhe komiti ya ditlhabololo e ne e di kgona ka ntlha ya boeteledipele jo bo tiileng jwa ga Kgosi Mosielele, a tlatsa ka go re ba dirile ditlhabololo di tshwana le poso, kago ya matlo a barutabana le go senka ditsha tsa dikole jaaka sa Ketlogetswe.

O tlhalositse gore kgosi  e ne e le mogwebi, tiro e a reng o sale a e simolotse bogologolo.

Kgosi Mosielele o tlhokafetse Seetebosigo a tlhola ga rataro morago ga go lwala ka boleele. O tlogela mosadi le bana ba le bararo le bana ba bana ba roba bongwe.

Rre  David Kerekang, yo e e neng e le mooki wa ga kgosi Mosielele, o boletse fa Kgosi Mosielele a na le dingwaga tse tharo a ntse a lwala.

Rre Kerekang a re ditlhabi di ne tsa tswelela ka go gola go fitlhela kgosi a ithola marapo a bogosi ngogola.

Kgosana wa ga Kebuang, Kgosi Jack Kgatlane o kopile gore batho ba epe mabitla ka go tlhomagana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Phitlho

Date : 13 Jun 2021