Breaking News

Puso e itlamile go laola COVID-19

13 Jun 2021

 Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane o tlhaloseditse banni ba kgaolo ya Kgatleng fa puso e itomile molomo wa tlase go netefatsa gore matshelo a batho a bolokesegile mo segajajeng sa COVID-19. 

Fa a lekola boeteledipele jwa kgaolo ya Kgatleng le go rerisa maloko a dikomiti tsa motse ka tse puso e di dirang le dikgwetlho tse e lebaneng natso tse di bakilweng ke bolwetse jwa COVID-19 kwa kgotleng ya Boseja Botlhaba ka Labotlhano, o boletse fa puso e dira gotlhe go netefatsa gore melemo e a rekwa go leka go dibela matshelo. 

“Phatlalatso ya melemo e e solofetsweng e akaretsa Mordena, Johnson & Johnson, Pfizer, AstraZeneca le Sinovac e tla a tswelela,” ga bua jalo Rre Tsogwne. 

A re le ntswa itsholelo e babaletswe bobe ke segajaja sa COVID-19, mangwe a mananeo a puso e ikaeletseng go a diragatsa a tlaa tswelela le fa letseno la madi le tlhotsa. 

O ne gape a supa fa maitlamo a puso a go diragatsa dingwe tse e ikanneng go di dira fa go ne go ipapalediwa ditlhopho ka 2019. 

Mothusa Tautona o boletse fa puso e patelesegile go dirisa madi a makata dimetshe a a kwa mafatsheng a sele go leka go dibela seemo sa itsholelo se se amegileng, selo se a reng se amile lenaneo la ditlhabololo la National Development Plan 11. 

A re ka ntata ya seemo sa bolwetse, dingwe ditogamaano tsa ditlhabololo di amegile, ka jaana puso e tsere tshwetso ya go reka melemo go dibela seemo ga COVID-19. 

Le fa go ntse jalo, a re puso e logile maano a a maleba go leka go rudisa itsholelo ka lenaneo le lesha la Economic Transformation Recovery Plan, le le lekang go e amanya le dingwe ditiro tse di akanyeditsweng go dirwa mo lenaneong la ditlhabololo la bolesome le bongwe. 

Rre Tsogwne o rotloeditse botsamaisi jwa kgaolo ya Kgatleng go dirisa madi ka matsetseleko go tlhomamisa gore ga go nne le tshenyo, a tlatsa ka go re o tshwenngwa ke tiriso madi botlhaswa, e e dirang gore madi a busiwe, kgotsa a dirisiwe bofafalele mo dilong tse di felelang di senyega di sa dirisiwa, di be di felele di latlhwa. 

Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule o akgotse puso mo maitekong a yone a go babalela matshelo a batho mo segajajeng sa COVID-19. 

A re o itumelela boeteledipele jwa popota jo bo tsereng maitlamo a go netefatsa gore bolwetse ga bo tswe mo taolong. 

Rre Pule o tsweletse ka go bolela fa puso e itse ka seemo se se botlhoko sa letlhoko la ditiro le mathata a kwelo-tlase ya itsholelo a a amileng matshelo a batho mo gae. 

Go le pele, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Boseja Bogare yo o neng a lekodisa Mothusa Tautona ka dikgwetlho tsa dikgotlana tsa Boseja botlhaba, borwa le bokone, Rre Joseph Seipei o boletse fa banni ba Kgatleng ba itumelela tse puso e di kgonneng di akaretsa temo le madi a ditlhabololo a a fiwang dikgaolo tsa botlhophi. 

O kopile gore go sekasekwe melawana e e tsamaisang dikomiti tsa ditlhabololo, go okediwe madi a dikatso le gore ba fiwe boikarabelo jwa go dirisa madi ka fa ba bonang go tlhokega ka teng ka jaana go na le mothale o go ka netefadiwang gore madi ga a dirisiwe botlhatswa ka one. 

O ne a kopa gore go godisiwe kokelwana ya kgaolwana ya Bosaja Two le gore go nne le sepodisi sa nama-o-sa-tshwere mo kgaolong eo ga mmogo le gore ditema tse puso e ntseng e di lemela batho mahala di okediwe go tswa kwa go bone go ya kwa go botlhano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego

Date : 13 Jun 2021