Breaking News

Monko o o bosula o tlaa fokotsega kwa Gaborone Bokone

13 Jun 2021

 Monko o o busula o o ntseng o kgokgontsha banni ba Gaborone Bokone o tlaa fokotsega mo nakong e e sa fedising pelo. 

Fa a araba dikakgelo tsa banni ba kgaolo ya gagwe ya Gaborone Bokone, Mopalamente Mpho Balopi o ne a tlhalosetsa banni fa monko o setse o fokotsegile.

A re mo nakong ya gompieno ga o sa tlhole o le bokete jaaka pele. 

Rre Balopi a re khamphani nngwe e thapilwe ka P3 million go nyeletsa monko gotlhelele. 

O tlholositse gore e tlaa re Seetebosigo a ya fifing, a tsee bagolwane ba komiti ya ditlhabololo tsa dikgotlana mo kgaolong go ya go nna matlho a setshaba go bona jaaka tiro ya go nyeletsa monko e tsweletse.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Balopi o ne a kopa morafe go ema ka dinao go thusa puso fa e tlhaelang teng.

O ne a re puso ya lefatshe leno ke ya ‘batho ka batho’, mme seo se raya gore ba seka ba baya fela mo matoneng a puso go tla ka ditharabololo tsa sengwe le sengwe, a tlatsa ka go re fa ba na le diemo tse di tshwenyang, ba thuse go di rarabolola.

A re matona a puso ga ba kake ba kgona tsotlhe ka bonosi, a tlhalosa gore tshwaragano le morafe e botlhokwa.   

Rre Balopi a re puso e itumile molomo wa tlase go netefatsa gore matshelo a batho a bolokesega mo segajajeng sa COVID-19. 

O tlhalositse gore puso e lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tirisiso le tlhaelo ya madi, a tlatsa ka go re ditiro dingwe di ne tsa tshwanelwa ke go emisiwa, mme madi a tsone a dirisiwa mo go lwantsheng segajaja sa COVID-19, a tlatsa ka go re go dirisitswe madi a a tsitsibanyang mmele go lwantsha COVID-19. 

A re puso e dira gotlhe moo, go netefatsa gore mekento e a rekwa go leka go babalela matshelo a Batswana. 

Mo go tse dingwe, Rre Balopi o tlhaloseditse baagi ba Gaborone Bokone gore ba kereke ya Dutch Reformed ba letlile gore kereke ya bone e ka dirisiwa go tsaya mokento wa thibelo ya COVID-19 mo kgaolong. 

A re ba mo dipuisanyong le ba bongaka ka ba tlhaelelwa ke ditsompelo mme e bile a tlatsa ka go kopa baoki ba ba tlogetseng tiro ka bogodi go ithaopa. 

Fa a afa pego ka ditlhabololo tsa kgaolo, modulasetilo Mme Nkele Dikomang o tlhalositse fa maranyane a paledisa bagolo go ikwadisetsa lomao lwa corona mme ka moo a kopa gore ba atumelediwe lefelo le ba ka kentelwang kwa go lone.

Monni wa kgaolo,  Moruti Thuso Tiego ene o ne a bolela fa ba tshwenyegile ka borukutlhi jo bo kwa godimo mo kgaolong.

Moruti Tiego a re ba ne ba solofetse gore gongwe dikgang tsa borukutlhi di tlaa ngotlega, bogolo jang ka go na ke kiletso mesepele go simologa ka nako ya lesome bosigo, mme jaanong bo ile magoletsa.

O ne a kopa gore mapodisi ba nne gautshwanae go thusa go bepisa seemo seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Phuthego

Date : 13 Jun 2021