Breaking News

Ba Bogogobo ba akgolelwa go ipelega

13 Jun 2021

Morafe wa Bogogobo mo Kgalagadi Borwa o akgoletswe go tlhatswa sediba se ba se filweng ke puso.

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks o ba akgotse jalo bosheng fa a ne a ile go lekola sediba seo, a re banni bao ba diragatsa tebelolopele ya lefatshe leno ya 2036, ya go nna le mowa wa boipelego go fokotsa morwalo mo pusong.

A re banni bao, ba ba ikopantseng ka go ntsha madi le ditsompelo go tlhatswa sediba se ba se filweng ke puso ka 2017, ba dirile tiro e ntle ka jaana puso e tlhaelelwa ke madi ka ntata ya go lwantsha kanamo ya mogare wa corona.

Mopalamente Brooks a re o ne a tshwenngwa ke gore banni bao, ba ne ba kile ba kopa thuso, mme ba tlhobosediwa ka puso e sena madi, mme ba ne ba seka ba rwala mabogo mo tlhogong.

A re ka tsamaiso, didiba tse puso e neng e di ntshitse ka lenaneo la ga Tautona, di ne di tshwanetse go tlhatlhojwa go bo go phatlaladiwa metsi fela jaaka go dirilwe kwa Werda, Maralaleng le Kolonkwaneng, mme ka go tlhoka lesego seo ga se a diragala mo Bogogobo.

O gakolotse banni ka lenaneo la ISPAAD le banni ba ka le dirisang go tlhatswa le go gokela sediba seo.

Le fa go n tse jalo Rre Brooks o ne a kgala a menne phatla boradikonteraka ba ba paralatsang menwana go sa tlhokafale, bogolo jang fa ba direla puso ditiro.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa sediba sa Bogogobo, Rre Andrew Kgaileng a re e rile fa dithuso tsa go tlhatswa sediba di sa bonale, ba kopa mopalamente gore a ba batlele bangwe ba ba ka rekang dihutshane.

O ne a ba tlela Mopalamente wa Gaborone Bokone, Rre Mpho Balopi yo o neng a reka dipodi le dinku tse di fetang lekgolo le dikoko tsa Setswana di le masome mabedi le bobedi ka madi a a fetang P110 000.

Morui mongwe le mongwe yo o neng a rekisitse o ne a koleka P500 go tlhatswa sediba, se se lopileng P21 000, madi a a santseng a tlhaela. Le fa go ntse jalo, Rre Balopi o ne a ba solofetsa go ntsha P5 000, e le mpho ya gagwe go tlatsa madi ao, go rotloetla maiteko a mantle a banni ba motse.

Rre Kgaileng a re barui ba motse oo, ba nosa dihutshane nokeng ya Molopo, e e ikadileng mo molelwaneng wa Afrika Borwa le Botswana, mme dihutshane di felele di ile le naga.

Ba sepodisi ba kopile gore, gore ba kgone go latedise metlhala ya dihutshane sentle, ke gore ba tlhatloge kwa molapong oo.

Kgosi Benjamin Bailelwang ene o kgothaditse morafe go ema mananeo a puso nokeng gore motse wa bone le one o tlhabologe. 

A re morafe o filwe sediba e le maiteko a puso gore ba kgone go itshetsa ka leruo.

A re ba tlhatswa sediba seo, ka ba lebile gore puso e aga matlhabelo kwa Tsabong, ka jalo ba ikaelela gore ba tle ba kgone go rekisa dihutshane. 

A re puso e rotloetsa gore go ntshiwe dipalo tse di kwa godimo tsa dihutshane gore matlhabelo a tle a kgone go dira sentle mme le bone ba ikaelela gore monyetla oo o seka wa ba feta.

Moemedi wa komiti ya ditlhabololo ya motse oo, Mme Tsholofelo Ditlhabi a re komiti ya bone e tsweletse sentle ka ba ne ba ithaopa go tsenya ditshipi mo matlong a boroko a komiti.

Ba ne gape ba ithaopa go aga matlo a boitiketso kwa mabitleng, le go shafatsa ntlo ya LA2 ka lenaneo la Ipelegeng, ba aga gape ntlwana ya boitiketso kwa sekoleng se sebotlana sa motse oo, ka barutabana le baithuti ba dirisa ntlo e le nngwe.

Mokhanselara wa Bogogobo/ Kolonkwaneng, Rre Ikitseng Dipone o lebogetse mopalamente tekodiso ya ditshwetso tsa kwa Palamenteng.

O ne a kopa kemo-nokeng go tswa kwa boeteledipeleng gore sediba seo se kgone go tlhatswiwa gore barui ba kgone go ntsha dihutshane tsa boleng jo bo tlhokegang kwa matlhabelong a Tsabong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : BOGOGOBO

Event : Phuthego

Date : 13 Jun 2021