Thobane e dira ditiro tse dintsi
10 Jun 2021
Go tswa goo-Lowe, bontsi jwa batho bo ne bo itse fa thobane, lore kgotsa seikokotlelo e le leoto la boraro mo bagoding e bile ba itshireletsa ka yone fa go le maswe.
Mo malatsing a gompieno thobane e botlhokwa ka e dirisiwa mo ditirong tse di farologanyeng, mo e bileng bangwe ba setse ba gweba ka tiro ya go betla dithobane.
Thobane e dirisiwa mo ditirong tse dintsi, e dirisiwa ke batsofe, ba-na-le bogole jaaka ba-tlhoka pono le magosi ba e dirisa go supa tlotlo le borara.
Gompieno thobane e na le theko e tona thata, dingaka dingwe tsa setso di e dirisa go lebela seemo sa loapi kwa pele, fa bangwe ba e dirisa go supa ditaola.
Mo Serowe kwa kgotleng ya Marobela, Mme Kgololesego Sampeta wa dingwaga tse di masome mane le boferabobedi o gweba ka go rekisa dithobane tse di farologanyeng.
Mme Sampeta yo o tlholegang kwa Mmandunyane gaufi le Tonota o boletse fa a simolotse go rekisa dithobane ka nako ya thibelo metsamao ya ntlha go lekwa go laola go anama ga mogare wa corona mo Botswana.
O boletse fa thekiso ya dithobane e le bogadi bo gaufi ka gore di dirisiwa bobe ke bagolo le dingaka tsa setso.
A re le kwa dikoleng ba di rekela ba mmino wa Setswana.
O boletse fa a tlhoka go rema dikgong a bo a di betla a bo a feleletsa ka go kgabisa dithobane tse di betlilweng ka go di tshasa pente e e dirisiwang go phatsimisang ditswalo tsa matlo.
A re o dirisa setlhare sa mophane, motlhware, morukuru le mosokaphala go dira dithobane tsa marata go lejwa.
O di rekisa ka ditlhwatlhwa tse di farologanyeng ka go tlhatlologana ga tsone, tse dikgolwane tse di ratwang ke magosi ke P150 go bo go tsena tsa bo P100, P60, P40, le tse di nnyennyane tsa P35.
A re bannabagolo ba di reka thata ka e le sone seikokotlelo sa bone.
Ba dikereke le ba mmino wa sedimo le bone ba reka thata mo go ene.
Kwa dikerekeng dingwe ba e dirisa go bina ka yone thata ba e bofeletswe dibaga le megala e e mebalabala.
Kwa dikoleng ba e reka thata ka gore bana ba mmino wa borankana le tsutsube ba bina bontle ba dirisa dithobane.
Fa e le ba mmino wa banana wa sepantsola ba dirisa dithobane go kgabisa mmino, ba di tshamikisa ka botswerere mo phefong.
Masupatsela bogologolo a santse a tumile ba ne ba dirisa dithobane fa ba ntse ba gata ba gatoga, le kwa mophatong wa masole, badisa magolegwa le mapodisi ba dirisa thata dithobane go laola mephato ka nako ya go terela.
Fa a bua ka dikgwetlho o boletse fa go anama ga mogare wa corona go ba beile ka fa mosing ka gore mebino e e batlang tiriso ya dithobane e santse e sa tsene jaaka tlwaelo.
Le fa go ntse jalo boletse fa bana ba gagwe ba sa lale ka tlala.
Mme Sampeta o rekisa gape matlhoa a a dirisiwang go bina mmino wa Setswana le pina ya sedimo ke dingaka, o rekisa gape dinkgwana le megopo ee betlilweng.
O boletse fa badiragatsi ba rata tiriso ya matlhoa fa ba bina le go kgabisa ka one.
Ba mmino wa borankana le tsutsube le bone ba a reka bobe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 10 Jun 2021