Billy o lekola dikgwebo tsa banana
10 Jun 2021
Mothusa Tona wa Lephala la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Buti Billy a re o lebogela kemo-nokeng e morafe o e neelang banana ka bontsi jwa bone ba tsweletse sentle mo dikgwebong.
Rre Billy o supile se ka Labobedi, jaaka a ne a etetse dikgwebo tsa banana kwa Ramokgonami le Sefhare, go netefatsa fa banana ba dirisa mananeo a puso go itlhamela ditiro.
A re banana ke bone ba ka tokafatsang itsholelo ka go dira dijo ba bo ba rekisetsa mafatshe a mangwe, selo se se ka diragalang fela fa ba ka tlhoafaleladikgwebo tsa bone.
Mothusa tona o kopile setshaba go rotloetsa banana go tla ka methale e mesha, go tlhama ditiro mo dikgwebong tse ba di dirang.
“Fa monana a na le dipodi, o ka lema go dira dijo tsa leruo a bo a hira banana ba bangwe gore le bone ba kgone go itshetsa,” Rre Billy a tlhalosa a bo a kopa maphata ka go farologana go thusa banana.
“Lephata la kabo-ditsha le tshwanetse go fa banana lefatshe gore dikgwebo tsa bone di seka tsa babalelwa ke go duela fa ba direlang teng,” Rre Billy a supa.
A re go mo maruding a lephata go bona gore dikgwetlho le dikgakololo tse banana ba kopanang le tsone mo dikgwebong di ka ba thusa go tswa ka methale ya go lwantsha letlhoko la ditiro.
A re fa go na le ditiro mo metseng, go tshwanetse ga lebelelwa banana ba ba nang le dikgwebo mo motseng pele.
“Monana wa kgwebo ya borotho ke ene a tshwanetseng go jesa bana ba dikole mo motseng,” Rre Billy a tlhalosa.
Kgosi Kesetse Ramatlakadike wa Ramokgonami ene a re mathata ke gore banana ba boi, ba tshaba go supa fa ba tlhoka dithuso tse di ntshiwang ke puso.
A re ba tshwanetse go ikemela ka dinao, go itse ka mananeo a puso a a ka ba tswelang mosola.
Mme Portia Baikai, monana wa kgwebo ya borotho kwa Ramokgonami a re o thusitswe ka lenaneo la Youth Development Fund ka 2016 mme a tsenelela dithuto tsa go apaya borotho tse di tsereng lebaka la dikgwedi tse tharo.
A re botshelo jwa gagwe bo tokafetse thata ka le tlala ga e itse.
O tlhalositse fa a hirile banana ba bangwe ba le babedi.
Mme Masego Modise wa Sefhare yo a nang le sekole se se rutang bananyana ba dingwaga tse pedi go ya kwa go tse thataro, o tlhalositse fa e ne ya re ka 2015, a thusiwa ka P99 808 ka lenaneo la Youth Development Fund, go simolola kgwebo.
Mme Modise a re kgwebo e tsweletse sentle le fa a babalelwa ke go duela lefelo la kwa a direlang teng.
A re o na le tumalano le lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao gore morago ga dingwaga tse tlhano o tlaa bo a duetse madi a ba mo thusitseng ka one mme ka go tlhoka lesego, ga a ise a fetse go a duela ka lebaka la kgwetlho ya go tlhoka setsha.
A re pele ga COVID-19, o ne a kgona go nna le bana ba le masome a supa mme dipalo di ngotlegile ka mo bogompienong o na fela le ba le masome a mane.
Monana yo mongwe, yo o akotseng lenaneo la banana ke Rre Tlhalefang Lesolame wa Sefhare yo ene a nang le sekole sa go ruta batho go kgweetsa.
Rre Lesolame a re o simolotse kgwebo ya Maifhala Driving School ka 2014, morago ga go fiwa P97 800 le koloi.
O kaile fa a ne a reka koloi ya bobedi mo tsamaong ya nako, a lebile gore o tsaya ditlamelo kwa Mahalapye mme se se ne se ka babalela koloi fa e le nngwe.
A re o hirile borre ba le babedi mme kgwetlho ya gagwe e tona ke go tlhoka lefatshe ka a sale a tsenya kopo ka 2018.
Mme Mogatse Mmutle ene a re o simolotse kgwebo ya go dira ditena, e e bidiwang Ardith Enterprise ka 2017.
Fela jaaka ba bangwe, o thusitswe ka lenaneo la Youth Development Fund.
O supa fa e ne ya re ka 2019, a bona kotsi ya koloi, seo sa dira gore kgwebo ya gagwe e wele tlase ka babereki ba ne ba setse ba le nosi.
A re ka 2020 fa a tswa mo bolwetseng, o ne a leka ka gotlhe go tsosa kgwebo ya gagwe.
A re COVID-19, kgolo ya lekgetho le letlhoko la metsi ke dikgwetlho tse a lepalepanang le tsone go busetsa kgwebo ya gagwe mo maemong a a nametsang mo e bileng a kgonne go reka setsha sa madirelo.
Mme Mmutle a re o setse a itsewe ka a thusitse dikole tse pedi ka ditena.
Mopalamete wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o lebogetse mothusa tona go lekola dikgwebo tsa banana.
A re go a lemotshega gore banana ba a iteka mme ba tlhoka kemo-nokeng ya morafe go dira go feta. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : Palapye
Event : Loeto
Date : 10 Jun 2021