Breaking News

Tona Serame o kgothatsa maphata a tsa madi

10 Jun 2021

Tona wa madi le tlhabololo itsholelo, Mme Peggy Serame, o rotloeditse badiri ba Botswana Unified Revenue Services (BURS), le ba lephata la madi la puso (Accountant General), go dira ditiro tsa bone ka bonokopila.

Mme Serame o boleletse bodiredi jo kwa toropong ya Selebi Phikwe ka Laboraro, gore makgetho a botlhokwa, bogolo jang mo nakong e ya segajaja sa COVID-19, e mo go yone puso e tlhokang madi a mantsi go lwantsha mogare.

A re puso e tlhoka makgetho go dira ditiro tse dingwe tsa yone, le go lwantsha mogare wa corona ka tse tsotlhe go sireletsa matshelo a Batswana.

Tona Serame o gwetlhile badiri ba BURS le Accountant General go gagamatsa ditsamaiso tsa go phutha madi, gore puso e kgone go dira ditiro tse di farologanyeng, go akarediwa le go lwantsha mogare wa corona.

A re segajaja se se amile lefatshe ka bophara, go akarediwa le ya lefatshe leno, a tlatsa ka go re theko ya diteemane e wetse tlase, mo go dirileng gore lefatshe leno le tlhaelelwe ke madi.

Mme Serame o ne gape a kopa maphata go fetola ditsamaiso dingwe tsa one le go tokafatsa ditirelo ka go dirisa maranyane go fefosa tiro le go itsa mosuke kwa diofising tsa bone.

A re bodiredi bo tshwanetse go tla ka methale e mesha ya go tokafatsa ka fa ba berekang ka teng, a tlhalosa fa seabe sa mmereki mongwe le mongwe se le botlhokwa.

O rotloeditse bodiredi go nna le toro ya go tlogela tiro go ipulela dikgwebo, a tlhalosa fa puso e eletsa gore Batswana ba akole meamuso ya lefatshe la bone le go dira khumo go tlhamela ba bangwe mebereko, a tlatsa ka go re go bereka puso ga go na madi go feta go tsamaisa kgwebo.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa BURS, Rre Segolo Lekau o ne a lebogela Mme Serame go etela lephata la gagwe, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore gangwe le gape bagolwane ba kopane le bodiredi, go ikutlwela ka tsebe gore ba tshwere jang, le gore ba ka dira botoka fa kae.

A re Selebi Phikwe e kile ya bo e le boremelelo jwa kgwebo, e bile BURS e phutha makgetho a mantsi mo toropong eo, mme go tswalwa ga moepo wa BCL go ne ga phutlhamisa dikgwebo ka bontsi.

Rre Lekau o ne a lebogela ka fa puso e tshwereng ka teng go tsosolosa toropo ya Selebi Phikwe, a tlhalosa fa se se tlaa oketsa makgetho.

Mogolwane Accountant General, Rre Molemisi Kedumetse le ene o lebogetse Tona Serame go bo a sa ipona tsapa go lekola maphata a a ka fa tlase ga lephata la gagwe.

A re se se ba dira motlotlo, e bile se ba rotloetsa go dira ka natla.

Rre Kedumetse a re lephata la gagwe le santse le leka ka bojotlhe go baakanya matlo a bodiredi.

A re go nnile mogoga moleele ka mabaka a khamphani e e paletsweng ke go dira tiro. 

A re kgang e sa ntse e rarabololwa, a tlhalosa fa matlo a mangwe a setse a baakantswe.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Selebi Phikwe

Event : Bokopano

Date : 10 Jun 2021