Lenaneo la dihutshane le ntsha maduo
09 Jun 2021
Rre Bosele Phalalo wa Mogapinyana ke mongwe wa ba ba nnileng sego go abelwa phelehu ya Dorper ka lenaneo la dihutshane la ga Tautona Mokgweetsi Masisi, mpho e e mo thusitseng go oketsa le go fetola boleng jwa leruo la gagwe.
Morui yo wa kgaolo ya Mmadinare, o ne a segofadiwa ka phelehu ngogola, tiragalo e e neng ya tsisa boitumelo mo go ene le ba lelwapa la gagwe mme ba ikudupanya gore e se re kamoso maiteko a ga Tautona a fetego lefela.
Rre Phalalo a re mpho e, e tsile a sa akanya gore ekare ngwaga mongwe a abelwe phelefu bogolo jang ke Tautona, se sa mo tiisa moko go tlotlomatsa Tautona ka go tlhokomela mpho eo gore e kgone e ntshe maduo a ba a solofetseng.
Kgwebo nngwe le nngwe go akaradiwa le leruo, e na le di-tsa yone, mme Rre Phalalo ka a ne a na le maikaelelo, a dirisa botsipa jo a sa leng a bo amule mo batsading ba gagwe le thuto e a e bapetseng mo badiring ba puso go tlamela se-sa gagwe.
Matsapa a gagwe a seka a nna a lefela, leruo la gagwe la ata ka dikonyana di feta botlhano ngwaga ono.
Big-boy, leina le ba le abetseng phelehu fa ba e reta, ga e ise e tsenye dingalo go gorogeng ga yone.
E ne e bolola e bo e tlhatlhelwa le tse dingwe ntle le matsapa ape.
“Re rata mpho e fela thata.
Ke nnile lobaka ke sokola ke sena phelehu,” Rre Phalalo a tlhalosa.
Le fa Rre Phalalo a santse a ruela go tshetsa ba lelapa la gagwe, o ikaelela go gweba ka dinku.
Rre Phalalo o simolotse thuo ka dinku tse pedi mme jaanong di atile go nna masome a mabedi le motso, morago ga go rekisetsa ba lenaneo.
A re sephiri sa thuo ya dihutshane ke tlhokomelo, a tlhalosa fa a nna kwa masimo gore a di tlhokomele segautshwane.
“Ke solofetse palo ya dikonyana go oketsaga ka tse dingwe di santse di dusa,” Rre Phalalo a supa.
Lenaneo la dihutshane le simolotswe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go tlhabolola le go atolosa mhama wa dihutshane le go kgontsha Batswana go rekisa ka tlhwatlhwa e e kwa godimo mo mebarakeng.
Maikaelelo a lone gape ke go jwala peo ya khumo mo baruing le go atolosa diphatlha tsa mebereko.
Kwa Tamasane, Rre Modiri Mokgalagadi wa masimo a Mosamo le ene o ne latswiwa ke tlhware, a abelwa phoko ke Tautona ngogola.
Dikgwedi tse pedi a sena go amogela mpho, ya a swa ntateng ya bolwetse le go mo tsalela e ise e mo tsalele.
Diragalo e, e ne ya busetsa Rre Mokgalagadi kwa morago ka a ne a tshwanelwa ke go dirisa phoko ya Setswana go fitlhelela reka e e tlhabolotsweng.
Rre Mokgalagadi o tsene mo thuong ka 1982 mme o na le dipodi di le masome matlhano le boferabongwe e bile ke mongwe wa barui ba ba rekiseditseng puso dipodi ka lenaneo la LIMID. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Mogapinyana
Event : Potsolotso
Date : 09 Jun 2021