Breaking News

Banana ba Serowe ba le arametse le sa tlhabile

09 Jun 2021

 Banana bangwe ba Serowe ba ba boneng gore go nna ka mabogo go sena ditiro le mororo ba amule dithuto kwa dikoleng tse dikgolwane ba inaakantse le mananeo a puso go itshetsa.

Fa ba kopane le mothusa tona wa lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Buti Billy bosheng yo o neng a ba etetse go lekola dikgwebo tsa bone mo Serowe, mongwe wa banana bao, Rre Lopang Moanaphuti o ne a supa fa a kgonne go bula madirelo a gagwe a diaparo  tsa segompieno ka madi a lenaneo la banana la Youth Development Fund (YDF).

Rre  Moanaphuti a re  o ne a tsaya tshwetso ya go bula kgwebo ya gagwe e e bidiwang Gear 6 kwa Serowe morago ga go fetsa sekole kwa Limkokwing University of Technology and Creative Arts, maikaelelo e le go dirisa dikitso tse a di amuleng kwa sekoleng.

 O tlhalositse gore morago ga go isa kopo ya gagwe ka 2011, o ne a fiwa P100 000, madi a a neng a mo thusa go tsweledisa ditoro tsa gagwe. 

Rre Moanaphuti yo o dingwaga tse di masome mararo le botlhano, a re o simolotse ka go dira mesese le disutu tsa manyalo, a tswelela a oketsa ka go dira paka ya sekole le diaparo ka go farologana.

 A re o simolotse ka babereki ba le bararo mme a ba oketsa fa kgwebo e ntse e gola. 

E re ka lefatshe bophara le wetswe ke seru sa bolwetse jwa COVID-19, a re madirelo a gagwe le one a ne a amega fela thata mme se, sa dira gore a  fokotse palo ya babereki. 

A re o ne gape a sa kgone go dira madi a a lekanetseng go duela sekoloto sa gagwe sa YDF.

 Pele ga bolwetse jwa COVID-19, Rre  Moanaphuti a re ba ne ba kgona go rekisetsa ditlhopha tsa metshameko ka go farologana dipaka tsa tsone jaaka setlhopha sa kgwele ya dinao sa Green Lovers le sa bolo-tlowa sa Block Busters.

  A re le fa a dira diaparo tsa mariga, o santse a tshwere ka thata ka gore ditsompelo tsa go dira diaparo tsa mariga  di dingalo go bonwa ka di rekwa kwa ntle ga Botswana.

Rre Billy o ne a mo gakolola gore a batle dithuso tse dingwe tsa madi go tlhabolola kgwebo le go direla banana ba bagwe ditiro.

A re khamphani e e tshwanetse go fiwa kgwebo gore e kgone go atlega e bo e gaisane le dikhamphani tse ditona jaaka bo PUMA.

 Rre Billy o ne a etela gape kwa PUSMO Business Consultancy ya ga Rre Kabelo Pusoetsile. 

E simolotse ka 2016, mme ya adingwa madi ka 2019 gore e tlhabololwe e gole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segomotso Nthobatsang

Location : Serowe

Event : Loeto

Date : 09 Jun 2021