Magakabe o aperwe ke botlhoka tsebe
09 Jun 2021
Banni ba motsana wa Magakabe kwa borwa jwa motse wa Takatokwane mo kgaolong ya Mokwena ba tshwentswe thata ke seemo sa bo-tlhoka tsebe jwa bana jo bo ileng magoletsa bo rotloediwa ke go tlhoka tsamaiso ga botsadi.
E rile ba bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, banni mo go bone go le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motsana wa Magakabe, Rre David Tsogwane, a supa matshwenyego ka seemo se se sa laolesegeng sa bana ba ba phuaganyang dikole go inaakanya le maitiso a diletso le go nowa ga majalwa a a titielwang mo motseng.
A re ba leka go itepatepanya le seemo seo, mme banni ba ba ditlhogo di thata e bile ba sa laolesege ba tsweletse ka go ntsha matshosetsi le go ba tsogologela.
“Re leka gangwe le gape go kgalema diletso le go titielwa ga majalwa, mme maiteko a rona ga a tswe dipe”, ga tlhalosa Rre Tsogwane.
Rre Tsogwane o ikuela mo go ba sepodisi sa Takatokwane go tsibogela bothata jwa Magakabe, ka go tlhoma balebeledi go tswelela ba baya seemo leitlho mo boseyong jwa ba sepodisi.
Rre Oratilwe Tshotlego a re seemo sa boitaolo jwa bana kwa motsaneng oo, se itshupa gantsi ka go inaya naga fa bana ba tshwanela go boela dikoleng, mme botsadi bo kgathologe seemo ba tswelele ka go bapa le bana mo malwapeng.
Mongwe wa banni, Rre Tselanyane Mokoma, le ene o tshwentswe thata ke ditiragalo tsa masula a motse wa Magakabe, a gantsi a amang bana ba dikole, ka go tsogela kwa dipotong ba fapaanela diphafana le batsadi.
O supile ka monwana batsadi gore ba na le seabe mo go tlogeleng dikole ga bana, ba e reng ba tshaba sekole ba tlhoke go utlwa lefoko la thotloetso la botsadi.
Mafoko a ga Rre Mokoma a iteetswe kobo moroko ke monana wa motsana oo, Rre Tiroyaone Hisang yo le ene a kgalang go tlhoka tlhokomelo ga batsadi bangwe, ba a reng ba ikgatholositse boikarabelo jwa kgodiso ya bana ba bone.
Rre Hisang a re seemo go le gantsi se supiwa ke bana ba ba mo selekanyong sa go tsena dikole, mme ba amogelwe ke batsadi mo malwapeng go tsena mo maratong le batho ba ba tona ba ba okisa ka madi.
Majalwa a go kaiwang e le one a tumileng kwa motseng wa Magakabe ke jwa power, khadi le legwerepa, a go tlhalosiwang a nowa ka go tlhoka boikarabelo ke ngwana le mogolo.
Mothusa ramapodisi wa kgaolo ya Takatokwane, Assistant Superintendent Jacob Molapong, a re ga ba na dipego dipe ka dikgang tse di ka tswang di rotloetsa borukutlhi kwa motsaneng wa Magakabe.
Rre Molapong o supile fa mo lobakeng lo lo fetileng go ne go na le bothata jwa go rekisiwa ga majalwa le tsone diletso tse di sa laolesegeng mo motseng.
Mme ba ne ba kgalema seemo se ba sa itseng fa se runtse gape.
Le fa go ntse jalo, o solofeditse fa ba tlaa tswelela ka go se tsenya leitlho.
Kgosi Mohuritshane Maipolelo wa Mahotshwane kwa kgaolong ya ga Ngwaketse, o tlhalositse fa seemo sa botlhokatsebe le go tlogela sekole ga bana e le dikgang tse di kileng tsa tshwenya mo motseng wa gagwe thata, mme a supa fa a ne a di lwantsha ka go kopana gangwe le gape le ba-na-le seabe go tswa ka tharabololo.
“Go le gantsi dikgang tse re di kopanela le batsadi go tsenya kgalemo ka go netefatsa gore ga gona ngwaga ope yo o nnang mo lwapeng a lekane go tsena sekole, ntlha e e re bereketseng fela thata,” ga bua kgosi.
A re go na le botsadi jo bo disang kwa merakeng le go tlhokomela masimo, kwa bana ba iphitlhang teng.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Maipolelo o solofeditse fa a na le thulaganyo ya go latedisa seemo seo go ya go kgalemela botsadi le bahiri ba ba itlhokisang boikarabelo.
Dikgang tsa bo-tlhoka tsebe le go kgathologa dithuto ga bana, ke mangwe a matshwenyego a kgaolo ya Mokwena, tse di tlhagelelang gantsi mo dipegong tsa lephata la thuto kwa diphuthegong tse di farologanyeng tsa ditogamaano tsa kgaolo le bokopano jwa diphuthego tsa dikhansele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Magakabe
Event : Potsolotso
Date : 09 Jun 2021