Ba gakololwa gore ba seka ba ineela
09 Jun 2021
Mogokaganya ditiro tsa lekoko le le tlhomilweng ke Tautona go lwantswa COVID-19, Dr Kereng Masupu o gakolotse Batswana gore ba seka ba ineela tebang le go tswelela ba lwantsha kanamo ya mogare wa corona .
Dr Masupu o buile jalo maabane jaaka a ne a afa thekodiso tebang le seemo sa COVID -19 lefatshe ka bophara.
A re fa e sale kgwedi eno e tlhola letsatsi go fitlhelela e tlhola malatsi a le mane, go gatisitswe dipalo tse disha tsa mogare di tshwara sekete le metso e e lesome le bone.
O supile gape fa palo ya balwetse ba ba santseng ba ka anamisa mogare ga mmogo le ya dintsho le tsone di godile.
Dr Masupu a re palo ya balwetse ba ba santseng ba ka anamisa mogare e godile go tswa kwa go dikete tse pedi go ya kwa go dikete tse tharo, makgolo a mararo le metso e meraro.
A re palo ya dintsho yone e godile go tswa mo go makgolo a a robang bobedi le masome a marataro le borataro go ya kwa go makgolo a a robang bobedi le masome a a robang bobedi le botlhano.
Dr Masupua a re mafelo a a amegileng thata a akaretsa kgaolo ya Gaborone le metse e e mo tikologong, Selebi Phikwe ga mmogo le Palapye.
O kaile fa go itshupa fa bangwe ba tlelwa ke mowa wa go ineela tebang le go lwantsha kanamo ya mogare, ka jaana ba itlhokomolositse melawana ya itshireletso ya COVID-19.
A re bangwe ba tsweletse ka go kgobokana ka dipalo tse di kwa godimo mme ba itlhokomolose go rwala dipipa molomo le nko, ba sa dirise le tsone dibolaya mogare.
Dr Masupu a re mokgwa oo o aname thata mo ditirong di akaretsa manyalo, dintsho le maitiso a a itirelwang ke bangwe.
Go sale foo, o bile gape a supa fa ba sa itumedisiwe ke go bona bangwe ba tsweletse ka go tsaya mesepele ntswa ba sena diteseletso.
Dr Masupu a re boitshwaro joo bo tlaa tswelela bo tlhotlheletsa go tlhagoga le go gola ga dipalo tse disha tsa mogare tse di gatisiwang mo mafelong a a farologanyeng lefatshe ka bophara.
A re go botlhokwa gore batho ba seka ba ineela tebang le ntwa e ka jaana puso e dirile go le gontsi go lwantsha kanamo ya mogare oo ga mmogo le gone go ka tlamela matshelo a Batswana.
Go sale foo, Dr Masupu a re puso e dirile go bonala tebang le go ka gorosa mokento o o thibelang mogare wa corona kwa bathong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Gaborone
Event : Tekodiso
Date : 09 Jun 2021