Baithuti ba pele ba aba dimpho
08 Jun 2021
Baithuti ba pele ba sekole se segolwane sa Tsodilo kwa Maun, ba abetse Rre Goitsemodimo Somolekae yo ba neng ba tsena sekole nae, setofo, gase e e apayang, dipitsa, dijo, mogala wa letheka, P2 400 le tse dingwe.
Fa a bua kwa tirong e e neng e tshwerwe go rola dimpho, mokhanselara wa Boseja Bokone, Rre Limit Banyatsang o akgoletse baithuti go thusa mongwe ka bone, yo o tshelang ka bogole mme a dirisa kolotsana.
Rre Banyatsang o ba gwethile go tswelela ka mowa wa bopelotlhomogi.
A re mo bogompienong, batho ka bontsi ba itebile ba le nosi, ga ba kgathalele ba bangwe.
Mokwaledi mogolo wa setlhopha sa baithuti bao ba ngwaga wa 1994, Rre Mothusi Ditlou o tlhalositse fa maikaelelo a setlhopha e le go thusa sekole sa Tsodilo ka tse di ka tokafatsang maduo.
Rre Ditlou a re e rile ba ntse ba ikokoanya ba lemoga fa Rre Somolekae a na le dikgwetho mme ba bona go le maleba gore ba simolole ka go mo thusa.
O tlhalositse fa ba ne ba tshwaragana le kereke ya Gospel Revival le ba mokgatlho wa Losika Trust go abela Rre Somolokae kolotsana ba bo ba mo thusa gore a nne le setlankana sa setsha se a nnang mo go sone.
Mogolowe Rre Somolekae e bong Rre Gabaeme Somolekae o tlhalositse fa monnawe yo o dingwaga di masome mane, a ne a tsenwa ke bolwetse jwa go swa mhama morago ga go fetsa mophato wa botlhano mme seo sa dira gore a nne le bogole.
A re bolwetse joo, bo aname mo losikeng lwa bone.
Rre Somolekae o lebogetse setlhopha sa baithuti go supa lorato mo go monnawe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Kabo dimpho
Date : 08 Jun 2021